Phokoje go tshela o o dithetsenyana
16 Jun 2014
Bomme ba Itekeng Phase 1 le 2 kwa toropong ya Selebi Phikwe ba tshwere ka thata go intsha mo lehumeng le gone go lwantsha dikgwetlho tse di ba apereng.
Bomme bao e ne ya re bosheng ba ya go ipega semmuso kwa bogoging jwa kgotla ya Phase 1 mme ba tlhalosa fa mokgatlho wa bone o o bidiwang Itekeng Federation, o tlhamilwe ka Phatwe ngogola morago ga gore mangwe a makhanselara a toropo eo a kgatlhegele tswelelopele ya mokgatlho mongwe wa kwa Francistown.
E ne ya re a ba amogela, mothusa mokwaledi wa kgotla ya Phase 1, Rre Oatile Oitshupile a ba akgolela tiro e ba e tshwereng ya go lwantsha lehuma le go thusa ba ba tlhokang.
O ba rotloeditse go tswelela ba tshwere ka natla gore ba tle ba kgone go diragatsa maitlamo a mokgatlho wa bone.
Rre Oitshupile o tshephisitse bomme ba Itekeng Federation gore bone e le bogogi jwa motse, ba tlaa tswelela ka go anamisa molaetsa mo setshabeng ka maikemisetso le maikaelelo a mokgatlho wa bone, e le tsela nngwe ya go oka ba ba santseng ba saletse kwa morago.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, e bile e le leloko la Itekeng Federation, Mme Keleapere Madome o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o ba namotse mo lehumeng e bile gape o ba thusa mo dilong tse di farologaneng jaaka go ikagela matlo, mo dintshong le mo manyalong.
Mme Tebelelo Mpho, yo e leng leloko la mokgatlho oo, o tlhalositse gore ba simolodisa lenaneo la go tsamaya mo malwapeng ba tlhola balwetse, mme a kgothatsa setshaba go berekisana le bone sentle le gone go seke ba loba balwetsi gore ba tle ba kgone go ba thusa e le tsela nngwe ya go godisa mokgatlho wa bone.
E ne yare a ntsha la gagwe, mokhanselara wa Itekeng Phase 1, Mme Mmapula Matlhole yo le ene eleng leloko la Itekeng Federation, a tlhalosa fa ba butse letlole la polokelo la madi le ba banka ya ABC e bile ba na le thulaganyo ya tsa poloko le ba mmoshara wa Kagiso.
O tsweletse a re ba tlaa tswelela ba tsamaya ba rekisa megoplolo ya bone ya itshetso mo malwapeng a a tlhokang, e le maiteko a go fedisa letlhoko leo.
Mokgatlho o o nang le maloko a le masome a supa le motso, o tsweletse ka go tshegetsa lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 e leng, tshaba e e lorato e bile e le kutlwelo botlhoko, ka ba tlhalositse fa mongwe ka bone a shetswe ke ntlo bosheng mme ba setse ba mo file dithuso tsa madi le tse dingwe tse a di tlhokang.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Maserame Radithobane o rotloeditse bomme ba Itekeng Federation go tshegetsa mokgatlho wa bone le go tswelela ba dira ka diatla go itshetsa le go thusa bangwe ka bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Imi Mokgethi
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Go ipega semmuso ga bomme ba mokgatlho
Date : 16 Jun 2014