Breaking News

Lenaneo la ditogamaano le botlhokwa

16 Jun 2014

Go dira lenaneo la ditogamaano ke tema e e tlhokang go ipaakanyediwa, segolo jang  fa go tla mo go la ditlhabololo la NDP11/DDP8/UDP4 le ka lone go lebeletsweng  go supa tsamaiso ya ka fa ditiro tsa puso tsa ditlhabololo di ka dirwang ka teng.

Fa a amogela baeng mo kgaolong potlana ya Palapye, modulasetilo wa khansele potlana, e bile e le  mokhanselera wa kgaolwana ya Mmaphula, Rre Onnetse Ramogapi o boletse fa lefatshe leno le lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi tsa ditlhabololo, dingwe tsa tsone e le lehuma, letlhoko la ditiro, go gola ga mohama o o ikemetseng mme go sena sepe sa dikago kana go ntsha ditirelo.

Rre Ramogapi  a re go beilwe thata mo goreng  badiraditogamaano  ba tswe ka maano a a ka itebaganyang  le dikgang tseo. 

O tsweletse a re o dumela sentle fa bokopano jo, bo tlaa tswa ka ditshwetso tse di lebaneng e bile di nitame go baakanyetsa ditogamaano tse di tlang.

A re manokonoko a kwelotlase ya itsholelo lefatshe lotlhe a santse a utlwala, le fa lefatshe leno le dirile go le gontsi go itepatepanya le yone  go bona gore ga e kokonele Batswana thata.

O ile a re fa ba dira ditogamaano ba dire ba tsentse moko mo nameng segolo jang mo dikagong go itsa gore di baakanngwe kgapetsakgapetsa ka madi ao a ka dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe. 

O tsweletse a re go botlhokwa gore e re fela di tloga go nne le morero o o lolameng le ba dikomiti sa ditlhabololo tsa metse go tlisa tsotlhe tse di tlhokegang  le gone go bona ka fa di ka abiwang  tsa bo tsa tsamaisiwa ka teng gore di nne le mosola mo isagong.

Rre Ramogapi a re, nako e tsile ya gore batho ba rutiwe go itirela ka jalo go tlhoka gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo ditlhabololong  tsa lefatshe.

E ne e rile go le pele motshwarelela mookamela lephata la dikgaolo  le tlhabololo magae, Mme Masego Mooketsi go tswa mo mohameng wa tsa ditogamaano, a bolela  fa  maikaelelo le maikemisetso a bokopano jo e le go tla go tokafatsa tsamaiso ka maitlamo a go baakanyetsa tshimolodiso ya ditogamaano tsa setshaba, dikgaolo le ditoropo.

O ile a re se setona mo bokopanong jo, ke go tla go abelana dikitso le megopolo fa gare ga lephata la dikgaolo go remeletswe thata mo lenaneong la ditlhabololo la puso. 

A re gape go itebagantswe  le  dikgang dingwe tse di tshwenyang setshaba tsa ditlhabololo tse di sa iketlang, go kgobokanngwa ga ditiro tsa ditlhabololo gole gole gongwe, are seo se ya go ba fa sebaka sa go di phuthulola le go di tsenya sentle ka tshwanelo mo lenaneong le lesha la ditogamaano.

Mme Mooketsi a re  bokopano jo gape bo ya go fa badiraditogamaano ba basha sebaka sa go inaakanya le dintlha tsa thulaganyo ya ditogamaano ka botlalo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Bokopano jwa kgaolo potlana

Date : 16 Jun 2014