Monnamogolo o itshetsa ka setinkane
16 Jun 2014
Monni wa Gumare, Rre Bonang Kamanakao, wa dingwaga tse di masome a marataro le bofera bongwe a re o itshetsa ka go letsa setinkane se a se filweng ke rraagwe ka ngwaga wa 1969.
Rre Kamanakao o boletse mo potsolotsong fa a simolotse go letsa setinkane ka 1969 a rutiwa ke mogolowe ba le kwa madisong. A re rraagwe o ne a mo direla setinkane morago ga go lemoga bokgoni jwa gagwe, mme o tlhalositse fa e ne e le ngwao ya bo ne ya Seyei go tshameka diletswa tse di tshwanang le katara le setinkane e le tsela ya go itlosa bodutu ba le kwa madisong ka gone go sena diromamowa.
Rre Kamanakao o boletse fa modumo wa sitinkane sa gagwe o sa tshwane le tse dingwe ka sa sa gagwe a se ngaparisa bautu gore se ntshe molotsana o o tshwaraganeng gape o le monate. A re o itshetsa ka go supa talenta ya gagwe mo medirong e e farologaneng jaaka manyalo, tsatsi la ngwao le go intshiwa ga matsetsi.
O buile ka boitumelo gore ga a laleditswe go letsa o a itse gore o ya go bona madi a kana ka P500 a mo thusang le go tlhokomela ba lesika mo lwapeng. Rre Kamanakao o boletse fa a tseneletse dikgaisano sa ga Tautona e le lantlha ngwaga ono mme a tswa mo maemong a bobedi go fetela kwa makgaola kgannyeng a a tlaa tshwarwang kwa Gaborone mo bogautshwaneng.
O galaleditse lenaneo la ga Tautona a re le mosola fela thata ka le ka mo jesa ka bokgoni jwa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atomic Thaba
Location : GUMARE
Event : Potsolotso
Date : 16 Jun 2014