Breaking News

Tautona o atla mogopolo

16 Jun 2014

Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a re mogopolo wa go tsosolosa dikoporase ke mogopolo o montle o o tshwanetseng go salwa morago.

Tautona Khama o buile mafoko a, mo phuthegong ya kgotla kwa  Robelela mo kgaolong ya Mmadinare bosheng. Tautona a re mogopolo wa go tsosolosa dikoporase o ka solegela Batswana le lefatshe mosola ka go tlhama ditiro le go ntsha bangwe mo lehumeng.

O ne a tlhalosa gore puso, ka lephata la pereko le selegae, e mo moonong wa go tsosolosa mowa wa go nna le dikoporase ka jalo ba setse ba simolotse go baakanya kgang ya teng.

Tautona o ne a akgela mo mafokong a kgosi ya Robelela, Kgosi Phillip Tamocha yo o ne a kopa gore a mowa dikoporase o boelele gore morafe o tle o akole meamuso ya go nna le koporase.

Kgosi Tamocha o ne a bolela fa go nale setsha se e kileng yabo ele sa koporasa mme ka di sale di sule ba kopa diakgo gore ba tsosolose ya bone go tlhama ditiro mo motseng.

E rile a tlhalosetsa Tautona ka tse di diragalang mo motseng wa bone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Johane Thatogang a tlhalosa fa ba itumelela mananeo a a nye;etso lehuma e la Ipelegeng.

Le fa g ntse jalo Rre Thatogang o ne a tlhalosa fa e re le ntse ba kgonne go gokela motlakase mo motseng wa bone, dikago tsa puso ka bontsi ga di ise di dirisi motlakase go goketswe fela. O ne a tlhalosa gape gore maroko a badirile puso mo motseng wa bone bo a sokodisa bogolo jang mapodisi a motse wa bone k aba sena boroko sentle.

A re Robelela ke motse o o ikaegileng ka thuso ya dikolo tsa puso mme ka jalo ga ban a tsone mo motseng wa bone mme ba sokola go ka bona thuso ka potlako, go tshwana koloi ya kgotla le ya mapodisi e a kaileng fa ele mo seeming se s e sa siamang. Ka sekole se sebotlana sa Robelela, modulasetilo o ne a tlhalosa gore sale ka se agiwa ka 1998 sekole seo ga se ise se bo se baakangwe, a tlhalosa gore se mo seemong se se maswe.

E rile a mo kgwa dikgaba Tona wa lephata la dikgaolo Rre Peter Siele a tlhalosa fa lefatshe la Botswana fela jaaka a mangwe le ne la aparelwa ke kwelo tlase ya itsholele.

Rre Siele a re se se ne sa dira gore ditirelo dingwe le theko ya ditsompelo di tshwana dikoloi di seka tsa kgona go dirwa, mme a tlahlosa gore mo nakong e e sa fediseng pelo fa seemo se ka fetoga go tsile go siama. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Jun 2014