Maiteko a go koba modulasetilo a foloditse
15 Jun 2014
Maiteko a makhanselara a khansele potlana ya Tutume a go ntsha tshutiso ya go ntsha modulasetilo wa khansele eo Rre Phillip Makale mo setilong a ne a seka a atlega bosheng.
Fa e sale khansele eo e simolola ka Mosupologo, Seetebosigo a tlhola malatsi a le marataro, makhanselara a a kgatlhanong le modulasetilo a ile a leka ka bojotlhe go mo ntsha mo setilong.
Mokhanselara wa Maitengwe Bokone, Rre Milidzani Chose o boletse mo potsolotsong gore bone e le makhanselara a Domkrag ba ne ba mo tlhopile go ka ba ba etelela pele mo dingwageng tse tlhano mme o ba swabisitse.
Ba re erile a sena go jewa ke ditlhopho tsa bulela ditswe a bo a tlhanogela phatlhi a ya go nna moema-nosi. Rre Chose o ne a bolela fa ba ne ba tsaya tshwetso ya go mothankgola mo setilong ka ba ka seke ba etelelwe pele ke mokoko, gape e le bone ba ba palo ntsi mo khanseleng.
Mokhanselara wa Nswazwi, Rre Norman Pitlagano le ene o supile fa a ema nokeng mogopolo wa go ntsha modulasetilo mo setilong, a re e sale a lemogile bokoa jwa gagwe bogologolo a sena go tlhongwa.
Rre Pitlagano a re ke nako jaanong gore ba mo ntshe mo setilong ba rome mongwe yo o tla isang khansele eo golo gongwe le fa ntswa go sa sala nako e kalo pele ga ditlhopho tsa setshaba. Kgang eo ya go thankgola modulasetilo e ne ya kgoreletsa dipuisanyo tsa khansele mo malatsing a mararo.
Modulasetilo Rre Makale o ne a laola go tswalwa ga dipuisano ka makhanselara a a neng a le kgatlhanong le ene a ne a kgoreletsa tsamaiso ba kopa gore a tshutiso ya bone ya go mo thankgola e bewe fa pele ga phuthego ntswa e seyo mo lenaneong.
Fa a tlhalosa ka kgang eo, Modulasetilo Rre Makale o boletse fa ba setse molawana o o ba laolang morago jaaka khansele.
Le fa go ne ga dirwa maiteko otlhe go fa bogakolodi ke bagakolodi ba khansele eo, makhanselara a ne a le supa le le fa, ba re bone ga bana go amogela sepe se se mo lenaneong go fitlhelela tshutiso ya bone e reeediwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendazi
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 15 Jun 2014