UDC e ipega mo batlhophing ba Kanye Bokone
15 Jun 2014
Modulasetilo wa kgaolo ya botlhophi ya Kanye Bokone, Rre Mmapono Koolese, o kopile banni ba Moshana go tlhopha ka keletlhoko le ponelopele.
Rre Koolese o buile se fa a supa ntlhopheng wa bopalamente le bo ntlhopheng ba khansele ba phathi ya Umbrella for Democratic Change (UDC) bosheng. O gakolotse banni ba Moshana gore ka tlhopho ba ka fetola matshelo a bone le go isa bokamoso jwa bana ba bone golo gongwe.
O ne a tlhalosa fa tlhopho ya bone e ka ba godisa e le setshaba kana ya ba bolaya le bokamoso jwa bana ba bone, ka jalo a ba rotloetsa thata go nna kelotlhoko e bile ba bulege matlho go ka bonela kwa pele.
Fa a bua a le lebagane le bo ntlhopheng, o ba gakolotse gore fa ba ya kwa palamenteng le khansele ba itse fa ba tlaabo ba emetse dikeletso tsa batlhophi eseng go leba matshelo a bone ba le nosi.
Fa a ntsha la gagwe, mokhanselera wa Moshaneng, yo ebileng gape ele ntlhopheng, Rre Fiti Keeletlile, o ne a leka thata go lemotsha morafe ka ditlhabololo tse a di tsisitseng mo motseng fa e sale a tlhophiwa.
Dingwe tse a ileng a di nankolola di ne di akaretsa kago ya kgotla e tona ka thuso ya Ipelegeng, katelo ya mahuti a a neng a tletse mo motseng a moepo e bile gape a le diphatsa mo bathong le mo diphologolong.
“E rile ke nna mokhaselera wa Moshana ka 2004 ka le solofetse gore ke ya go tswa mo khanseleng go dirilwe tsela ya sekonotere. Jaaka ke bua le lona jaana, e setse se simolotswe go dirwa,” ga bua jalo Rre Keeletlile.
Rre Keeletlile o ne a kopa banni ba Moshana go mo tlhopha, gore a tle a tsweledise ditlhabololo tsa motse fa a neng a eme teng, e bile a ba kopa gore ba tlhophe mopalamente wa BNF gore ba tle ba kgone go bereka mmogo sentle ba le moono mongwe.
Mokhanselera wa Kanye Borwa mo kgaolwaneng ya Mmatshitshwana Botlhaba, Rre Sebereki Tshane, o kopile banni ba motse wa Moshaneng go busetsa Rre Keeletlile kwa khanseleng ka ele ngwana wa motse wa Moshana, a godisitswe mo Moshana, ka jalo o itse matshwenyego a batho ba motse.
Mokhanselera wa Mafhikana e bile gape ele ntlhopheng, Mme Masego Baseakane, le ene o kopile banni ba Moshana go busetsa Rre Keeletlile kwa khanseleng ka ele ene tsela le boammuaruri mo kgaolong ya Moshana.
O kopile gape banni ba Moshana go tlhopha le ntlhopheng wa bopalamente Rre Kwenantle Gaseitsiwe ka ele monana e bile gape a itse ditshwanelo le dikgwetlho tsa banana.
Fa a latlhela la gagwe Rre Gaseitsiwe, yo o emetseng bopalamente mo Kanye Bokone, a re banni ba Moshana ba tlhophe UDC gore ba kgone go bereka mmogo le go isa dikeletso tsa morafe kwa khanseleng le palamente. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya phatlalatsa
Date : 15 Jun 2014