Molaodi o kopa maphata go tsaya dikomiti tsia
15 Jun 2014
Molaodi wa kgaolo ya legare, Mme Thobo Mapitse o kopile baeteledipele ba maphata go tsaya tsia dikomiti jaaka ya ditlhabololo tsa kgaolo.
Molaodi Mapitse o ntshitse boikuelo joo mo bokopanong jwa gagwe le baeteledipele ba maphata a a mo kgaolong potlana ya Tutume bosheng.
A re ke gangwe le gape a kopana le dikgang tsa maphata mangwe a a sa nkeng a ntsha kana a isa dipego kwa dikomiting go supa ka fa ba tsweletseng ka teng mo maphateng a bone.
O ne a tswelela a bolela fa dikomiti tseo di le mosola thata ka ke ka tsone ba ka kgonang go baakanya makoa a bone, ka jalo seo se thuse go dira ditiro tsa bone ka botswapelo le go isetsa batho ditirelo ka nako. Mme Mapitse o ne gape a ba kopa go bala le go tlhaloganya se maphata a bone a itebagantseng go se dira le go se fa setshaba.
O ne a supa fa kgaolo e le kwa tlase fa e tshwantshwangwa le tse dingwe ka go thusa setshaba, a gatelela ka gore ke nako go itsosa go bona gore ba isa ditlamelo kwa bathong ka bofefo jo bo kgonagalang.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa khansele ya legare, Rre Gaolathe Dipholo o ne a kgala ka tshenyetso setshaba bogolo jang mo go tsa dithendara.
O ne a bolela fa dipampiri tsa batho ba ba gapileng thendara di tsena ka gare itse mo diofising mme o ne a kgala dilo tsa go nna jalo, a re e le baeteledipele ba maphata ba tshwanetse go nna le boikarabelo.
Mokwaledi wa khansele o ile a tlhagisa ba ba okametseng maphata a ditiro tsa o ne di dirwang kwa ntle ga diofisi ba tshwana la ditsela, Ipelegeng le a mangwe, go tswa mo diofisi go ya go lebela le go tsamaisa tiro.
Fa ba akgela, ba boletse fa bontsi jwa dikomiti go tshwanetse ga bega mogolwane wa lephata mme bone ba supa seo se ba ketefalela ka ba lebanwe gape ke tiro ya letsatsi letsatsi ya ofisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendazi
Location : TUTUME
Event : Bokopano jwa maphata
Date : 15 Jun 2014