Badiri ba supa lerato
15 Jun 2014
Babereki ba lephata la itshireletso, molao le thokgamo ba akaretsa kgotlakgolo ya ditsheko, ofisi ya tsa bosekisi, ofisi ya ga mmakaseterata ba abetse balwetse bangwe dimpho tse di akaretsang maungo, dinotsididi, molora wa legano le tse dingwe kwa kokelong ya Athlone mo Lobatse bosheng.
E rile a amogela badiri bao, mogolwane wa baoki, Mme Gadibotsile Motswasele a re dimpho tseo di supa gore tlhokomelo ya balwetse ga se tiro ya ba kokelo gammogo le baoki go ba tlhokomela fela mme le maphata a mangwe a puso a tshwanetse go nna le seabe.
Mme Motswasele o ne a tlatsa ka gore dimpho tse di tlaa dira phetogo le pharologanyo e ntsi mo matshelong a balwetse. O ne a kopa maphata ao go tswelela ka go supa lerato leo go ya isagong.
E rile fa a tswa la gagwe, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri a akgolela badiri ba maphata a go tsaa karolo mo go abeleng balwetse e le tsela ya nnete go supa fa ba amogetse kopo ya ga Tautona wa lefatshe leno, ya gore setshaba se thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.
Rre Phiri o ne a tlatsa ka gore se ke tsela ya go lemontsha balwetse gore tiro ya bone ga se ya go sekisa fela mme le ditiro tsa bopelotlhomogi ba tsenya letsogo mo go tsone. Rre Phiri o rotloeditse maphata ao ka go tswelela ka mowa wa lorato.
O ne a ba akgolela tshwetso e ba e tsereng ba bona go le maleba gore ba ntshe mo ba nang le gone ka go akanyetsa batho ba ba mo ditlhabing mo kokelong.
A re dimpho tseo dingwe tsa tsone di tlaa dira gore ba nonofe mo mebeleng ya bone mme ba fole, gape ba tlaa seke ba kotlomele megopolo ka go bona gore go na le batho ba ba ba fang lorato le mororo e se ba masika a bone.
Moemedi go tswa kwa maphateng ao mme Dorothy Mangadi a direla mo kgotleng kgolo ya ditsheko mo Lobatse o rotse molaetsa go tswa kwa bogoging jwa kgotla ya ditsheko ka go tlhalosa fa badiri ba maphata ao ba diragatsa lengwe la matshego a setshaba la tebelopele ya ngwaga wa 2016 la tshaba e e lorato ebile e na le bopelotlhomogi.
Mme Mangadi o tlhalositse fa go abelwa dimpho ke mongwe yo e seng wa losika lwa gago, go tsholetsa mowa le tsholofelo mo balwetseng. Ka seo sebaka balwetse ba tlaa kgona go lemoga gore setshaba se kgathala ka matshelo a bone go menagane. Mongwe wa balwetse ba ba amogetseng dimpho mme Thandy Mooki o ne a supa a itumetse fela thata, a bo a tlhalosa fa a ikutlwa a le motlotlo gore go na le batho ba ba kgathalang ka bone le fa e se masika a bone.
Mme Mooki a re ba a kgothala gore ba bone Batswana ka bone ba ba gopotse a re ba nna le tsholofelo ya thitibalo ya ditlhabi.
Mme Onkemetse Baakanyang ene o ne a re “a mpheletse a le tlhaeng”, a tlhalosa fa a tletse ka boitumelo jo bogolo thata ka dimpho tseo. Mogolwane wa boipelego mme Josephine Ramoshibidu o lebogile maphata a a tsereng karolo mo go abeng dimpho, a re ba bone go le maleba gore ba abele balwetse go na le go aba ko mafelong a mangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Kabo dimpho
Date : 15 Jun 2014