Breaking News

Ipabalelo tseleng e ama ba-na-le bogole

15 Jun 2014

Ba-na-le bogole fela jaaka Motswana mongwe le mongwe ba lebanwe ke dikgwetlho tsa ipabalelo tseleng, segolo bogolo ka ba tlhaelwa ke melaetsa ya yone.

Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa Disability Study Support & Organisation Skills Services [DISSOSS] Rre Thebeyame Tsumake, kwa thuto puisanong ya ba-na-le bogole e ba neng ba e tshwaraganetse le ba Botswana National Youth Council, ka setlhogo se se reng ‘kgwedi ya banana kgatlhanong le dikotsi tsa tsela’.

Rre Tsumake o tlhalositse fa maiteko mangwe a dirilwe mo ditseleng jaaka go dira ditotoma go fokotsa lebelo la dikoloi, mme go ne go ka nna molemo fa go na le tsela e go tsamayang batsamaya ka dinao, dibaesekele, le dikolotsana tsa ba-na-le bogole.

Mokgothatsi go tswa kwa sekolong sa Limkokwing, Rre Gaobodiwe Koontse o boletse fa ba-na-le bogole ba tshwanetse go tlhaloganya fa Modimo a ba dirile jalo gore kgalalelo ya gagwe e bonale. 

Rre Koontse o gakolotse setshaba go kopa tshireletso mo Modimong pele ga ba tsaya mesepele, a supa gore ke ene fela a ka ba fang botlhale, jaaka kgosi Solomone a kile a bo kopa mo go ene.

Mogolwane go tswa kwa Motor Accident Fund [MVA] Mme Kwenantle Otukile, o supile fa dikotsi tsa tsela di gapa matshwititshwiti a batho mo lefatsheng leno, mme dipatlisiso di supa fa banana e le bone ba amegang thata mo go tsone.

 Mme Otukile o supile fa ba-na-le bogole le bone ba amiwa ke dikotsi tsa tsela, mme a ba kgothatsa go ema ka dinao gore lentswe la bone le utlwale, a supa fa e le bone ba ka thusang gore ba ka rutwa jang gore ba tlhaloganye molaetsa wa Ipabalelo tseleng sentle. O tsweletse a tlhalosa fa ba dira mokwalo wa batlhoka - pono wa braille, gore ba kgone go ipalela matshwao a tsela. 

Mme Otukile o boletse gape fa go na le lenaneo la Community Grand Scheme, le ka lone ditlhopha tse di eletsang go tsenya letsogo mo Ipabalelo tseleng, di ka tlang ka lenaneo mme ba MVA bone ba ba thuse ka ditlamelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : RAMOTSWA

Event : Thuto-seka-dipuisanyo

Date : 15 Jun 2014