Breaking News

Banni ba kgothadiwa go inamola lehuma

15 Jun 2014

Banni ba kgotla ya Serorome kwa Palapye ba rotloeditswe go ikemela ka dinao go tswa ka methale ya go itshetsa ntleng le go ikaega ka puso go ba fa dithuso le go ba phakisa dijo tsa batlhoki.

Se se builwe ke mmaboipelego wa Palapye, Mme Godiramang Kgano, mo phuthegong ya pego le tlhopho ya maloko a a tlatsang komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Serorome.

Mme Kgano o supile matshwenyego ka batho ba a reng ba tla kwa ofising ya boipelego go batla dithuso tsa go phakisiwa ka mabaka a bolwetse le bogole, a e bileng a kgaphetse ntle a tlhalosa fa bolwetse le bogole e se botlhoki jo bo ka dirang gore motho a phakisiwe. 

O tlhalositse fa motlhoki e le motho yo o sa kgoneng go itirela ka diatla tsa gagwe, le gore balwetse ba ba nang le tshwanelo ya dithuso tsa boipelego ke ba go rurifaditsweng ke ba bongaka fa ba sa kgone go itirela.

Mme Kgano o gwetlhile banni ba kgotla e go tlogela mowa wa boitseme le go batla go direlwa ba ntse fela ka diatla, ka jalo a ba kopa go inaakanya le mananeo a puso nako e sa ntse e ba letla ka gongwe a tlaa bo a seyo nako nngwe. 

O ne a tswelela ka go ba gwetlha gore ba ikgobokanye ba nne ditlhopha mme ba ikwadise kwa lekalaneng la merero ya tsa bong gore ba tle ba bone dithuso tsa dikgwebo go na le go dira ka bongwe ka bongwe. 

Mmaboipelego o ile a gakolola banana go kopa dithuso kwa lephateng la banana, a ba tlhalosetsa fa nyeletso lehuma e sa direlwa mongwe le mongwe.

Fa a rola pego, modulasetilo wa komiti eo, Mme Kebalapele Bolele, o boletse fa ba kgonne go agela Mme Kgaso Mokopi yo e leng motlhoki e bile a tshela ka bogole, ntlo ya dikamore tse pedi e e setseng ka go kgaphiwa le go pentiwa, ga mmogo le go mo rekela dilwana tsa ntlo.

O tlhalositse fa matlo a komiti ya bone a le mo paakanyong mo nakong ya gompieno e bile a le mo tseleng ya go tsenngwa motlakase mo kgweding yone e.

 Mo nakong ya gompieno, komiti e e na le madi a a kana ka P75 400 a a beilweng kwa mabolokelong.

Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome, o boletse fa dikole di butswe mme a kopa banni go fokotsa modumo wa diletso ka a re o itaya bana tsebe. 

A re batsadi ba emise go rekisetsa le go roma bana ba sekole ditagi bogolo jang motsoko, a re ba tshwanetse go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana go ntsha maduo a a nametsang.

Kgosi Maforaga o ne a tswelela ka go kopa ofisi ya boipelego go thusa bana ba Serorome go bona dithuso tsa mananeo a puso gore ba itirele bokamoso, ka a re ba ganelela mo Ipelegeng, ebile ba pitlagantse bagolo ka ntlha ya letlhoko la ditiro, a tlatsa ka gore ba tloga ba inaakanya le borukutlhi ka ba sa itirele sepe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Priscilla Kgang

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya VDC

Date : 15 Jun 2014