Breaking News

Go itse tsamaiso go botlhokwa

15 Jun 2014

Kgosi kgolo Lotlaamoreng wa Barolong o gwetlhile mekgatlho go rutuntsha dikomiti tsa yone tsamaiso e e tsepameng go thusa go ntsha maduo.

Kgosi o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa mokgatlho wa sefapaano se sehibidu bosheng kwa Good Hope a tlhalosa fa go le botlhokwa gore maloko a mokgatlho a rutwe melao e e lebaneng go tsamaisa mokgatlho, go hema diemo tse o tlaa fitlhelang go tlhamilwe dikomiti mme di sa sale ditsamaiso tse di tsepameng tsa mokgatlho morago.

Kgosi Lotlaamoreng o ne a tshwaela ka gore maloko ga a rutuntshitswe ka tsamaiso ya mokgatlho fa ba setse ba tshwere tiro. O tlhalositse gore ba tshwanetse go rutuntshiwa go na le nako gore ba tle ba kgone go thusa fa go na le seemo.

Kgosi o kopile bagolwane ba mokgatlho gore ba ne ba etela maloko go bona gore ba tsweletse jang a re se se dira gore maloko a tswelele ka go kgatlhegela boithaopo.

Sebui se sengwe Rre Duncan Marumola a re ene o nnile leloko la Sefapaano se Sehibidu ka ngwaga wa 1971, a sale kwa sekolong se sebotlana. Rre Marumola a re boloko jwa mokgatlho o, bo botlhokwa gore motho a bo a na le boikarabelo jo bo tseneletseng ka ke tiro ya go boloka matshelo.

O tsweletse ka go tlhalosa fa moithaopi wa mokgatlho o, a tshwanetse go nna ba le podi matseba ka dinako tsotlhe. Rre Marumola o kgothaditse baithaopi ba Good Hope go tia le go nonofa a re ba tsepame mo maikaelelong a bone a boithaopo.

O tsweletse a kopa dithuso mo setshabeng ka kakaretso le kemo nokeng gore mo motseng ba nne le baithaopi ba popota. Sebui se sengwe ebong, Mme Kefentse Khumalo o ne a kgothatsa maloko go nna tlhaga mo tirong ya boithapo ka gore ba nna ba tlhokega mo dikgwetlhong tse di farologanyeng tsa botshelo.

O ne a a fa sekai ka gore ka nako ya ngalo ditiro ya babereki ba ne ba ithaopile ba thusa balwetse kwa kokelong. A tlhalosa fa ba sa thuse,mo Botswana fela a re le kwa mafatsheng a Botswana a bapileng le one tiro ya boithaopi ba kgona go lalediwa go ya go thusa teng.

Mme Khumalo a re, tiro e ya boithaopo, e mo dirile gore a ikage a bo a amogele seemo sa gagwe ka lorato. Fa a tswa la gagwe sebui sa tlotla mogolwane go tswa kwa madirelong a matlhabelo mo Lobatse Dr Boitumelo Mogome Maseko a bolela fa e le boitumelo go bo go ipelelwa letsatsi la boithaopi ka setlhogo se se reng “my red cross story”. Se se tlhalosa diphetogo tse ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu e se diretseng bangwe mo go feletseng go fetotse matshelo a bone, ke ka moo re ipelela bokgoni jwa mokgatlho o o ikaegileng ka go thusa batho.

Mme Maseko a re letsatsi le letsatsi batho ba amega mo matshelong a bone mme ba thusiwe mme se dire gore go nne le se ba mokgatlho wa Sefapaano se Sehibidu ba se dirang go ama le go boloka matshelo jaaka go aba madi a mmele, thutuntsho ya thuso ya ntlha, le thuso ka dinako tsa dibetsa tsa tlholego. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Letsatsi la sefapaano se sehibidu

Date : 15 Jun 2014