Breaking News

Gender Affairs e rutuntsha ba nNyeletso lehuma

15 Jun 2014

E rile bosheng le lekalana la Gender Affairs kwa Serowe la bo le tshwere thuto puisano kwa Palapye go tlhatlhelela ba ba filweng ditante tsa manyalo tsa nyeletso lehuma.

Go ya ka Mme Baleseng Marumo yo e leng mothusi wa nyeletso lehuma kwa Gender Affairs, ithutuntsho e, e ne e tsenwe ke batho ba le masome a mararo le bosupa go tswa kwa Palapye le dikgaolo tse di mabapi di akaretsa Lecheng, Lerala, Malaka, Goo-tau, Mogapi le Mogapinyana.

Fa a ba ema ka lefoko, Rre David Nkomo yo o dirang le monana yo mongwe Mme Lebang Koloi yo o filweng tante ka 2013, a re ba tshwere ditante tsa bone sentle e bile ba netefatsa gore di nna di le phepa ka dinako tsotlhe.

A re go na le dikgwetlho mo kgwebong ya ditante fa go tla mo dituelong, jalo o ba gakolotse gore ba seka ba nna ba tlogela madi kwa morago e bile ba dire ditumelano ka mokwalo go itsa dikgogakgogano le bareki.

Rre Nkomo o tsweletse ka gore ba lebale bosika le botsala mo kgwebong, ka jalo ba beye ditlhwatlhwa tse di maleba ba itse fa ba filwe ditante tse gore ba itshetse. O ba rotloeditse go nna ba bapile le megala ka dinako tsotlhe gore ba seka ba fetwa ke kgwebo, a bo a ba kgothatsa gore ba ithaope mo dikerekeng go dira mekgabisa gore ba seka ba lebala dithuto tse ba di anyileng mo thuto puisanong e.

Mme Neo Lepokane, yo o direlang kwa Gender Affairs  a re boitsholo jwa motho ke selo se se botlhokwa mo kgwebong, ka jalo o ba rotloeditse gore ba emelelane le diemo ka go nna pelotelele, go supa lorato, go buisa batho sentle le go nna boikobo. O ba gakolotse go nna le dibuka tse di rurifatsang dituelo le gore ba direle dikgwebo tsa bone maina ba bo ba di kwadise ka fa molaong. 

 A re  go kwadisa dikgwebo mo, ga go duelelwe lekgetho kwa BURS ka e santse e le bagwebi ba ba botlana.

A re  o eletsa gore ba gole mo kgwebong e bile ba tswe ka megopolo e e farologaneng ya kgwebo e e tsamaisanang le ya ditante e e ka ba tsenyetsang madi nako ya ditante di sa hirisiwe le gore ba itshwaraganye le batho ba ba tsweletseng mo dikgwebong ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.

Mongwe wa barutuntshi, Mme Seabotseng Plots wa Radisele yo o filweng tante ngwaga o o fetileng, o boletse fa kgwebo e, e tokafaditse botshelo jwa gagwe thata ka a sa bereke a beile fela mo go yone. A re kgwebo ya gagwe e kgona go duelela bana ba gagwe kwa sekolong, go ba rekela dijo le diaparo e bile a kgona go ya go boloka madi kwa bankeng jaaka mongwe le mongwe. A re mo bogautshwaneng o tlaa bo a bula marekisetso a dino kwa Radisele ka dipoelo tsa madi a tante.

Monana  yo mongwe go tswa Maunatlala, yo e leng gone a fiwang tante Rre Kabo Kgwadi  a re o bone go le botlhokwa go tsaya tante mo mananeong a nyeletso lehuma, ka a ne a bona semausu se a neng a na le keletso mo go sone se ka mo tsenya dingalo ka dikgwetlho tse dintsi. O boletse fa dithuto tse di mo tswetse mosola fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Priscilla Kgang

Location : PALAPYE

Event : Thuto-seka-dipuisanyo

Date : 15 Jun 2014