'Tsengng diphuthego tsa kgotla'
15 Jun 2014
Banni ba Sebina ba kopilwe go tsene diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go itse se se diragalang mo motseng wa bone le go itseela melaetsa ka tsoo pedi.
Moruti Godfrey Muzila yo e leng moanamisa mafoko a lekgotla la baruti o buile jalo bosheng mo phuthegong e maikaelelo a yone e neng e le go itsise banni ka modiro wa go neela batho dikwalo tsa Genesis le Lefitiko tse di ranoletsweng kwa temeng ya Sekalaka.
Rre Muzila o ne a tlhalosa fa kgotla e le gone kwa batho ba ka utlwang melaetsa teng, a tlatsa ka gore go sa tseneng diphuthego motho o a bo a ithontsha ditshwanelo tsa go itse se se diragalang mo motseng wa gagwe.
Moruti o ne a tlhalosetsa banni fa lekgotla la Baebele la Botswana le tshwaragane le ba lekgotla la baruti ba tlaa dira modiro wa go neela batho dikwalo tseo ka kgwedi ya Phatwe kwa sekoleng sa McConnell mo Tutume mme batho ba kopiwa go thusa ka sengwe le sengwe se ba nang naso gore modiro o atlege.
A re kereke nngwe le nngwe e tlaa lopiwa madi a P500 go thusa go baakanyetsa modiro o. O kopile baeteledipele go thusa ka madi mangwe le mangwe a ba ka a kgonang.
Moruti o kopile batho go itsosa gore ba seka ba salela kwa morago, a tlatsa ka gore metse e mengwe e kgonne go iponatsa mo diphuthegong e bile ba itlamele go thusa lekgotla la baruti go supa fa ba itumeletse Baebele ya bone.
O ne a kopa basha go etelela pele modiro gore le bone ba itshupe fa ba na le lerato mo tirong eo.
A re o solofela fa go tlaa nna le tirisano mmogo e e lolameng fa gare ga banni le ba lekgotla la baruti, a supa fa go ranolwa go tlaa fa banni sebaka sa go bala Baebele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : Tutume
Event : Phuthego ya morafe le dikereke
Date : 15 Jun 2014