Kago ya ditsela tsa Bobirwa e kwa morago
12 Jun 2014
Makhanselara a kgaolo potlana ya Bobirwa a re ditiro tsa kgaolo jaaka ditsela di saletse kwa morago.
Fa a bua mo phuthegong ya khansele potlana kwa Bobonong, mokhanselara wa Mathathane gape e le modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa, Rre Ishmael Legwaila, a re ke maikarabelo a bone e le makhanselara go bona gore ba isa ditirelo kwa baaging ba kgaolo.
O tlhalositse fa terata e e kgaoganyang lefatshe la Botswana le la Zimbabwe e digetswe fa fatshe jalo se, se dira gore dikgomo le ditlou di nne le sebaka sa go gobeya mo molelwaneng o.
Mokhanselara wa Molalatau, Rre Nathaniel Moribame ene a re seemo sa ditsela se a tshwenya mo kgaolong mme se, se ba pateletsa go tsaya dikgato tse di maleba gore seemo se tokafale.
O supile fa bontsi jwa bakgweetsi bo senyegelwa ke dikoloi ka lebaka la ditsela tse di epegileng thata. A re ba lephata la ditsela ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go bona gore seemo sa ditsela se a tokafala.
Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Bobonong Bokone, Mme Philly Segabo a re ke nako ya gore lephata la ditsela le diragatse ditsholofetso tsa lone tsa go baakanya borogo jwa noka ya Keisane mo kgaolong ya Bobirwa.
E re dikgang di eme jalo,ba matlhoko a leruo gone kwa Bobonong ba supa fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le ditlou tse di ba itsang go ka baakanya terata e e kwa molelwaneng wa Botswana le Zimbabwe mo kgaolong eo.
Dr Olorato Tshireletso o tlhalositse fa ditlou gantsi di diga terata fa di tsamaya le bana.
O supile fa dikgwetlho tse dingwe jaaka tlhaelo ya bodiredi le koloi e le dingwe tsa tse di ba kgoreletsang go ka baakanya terata eo. A re go thapilwe badiri ba le babedi kwa Tuli Cycle le Mabolwe go baakanya terata.
Dr Tshireletso a re ba mo tseleng ya go ka tsaya babereki ba Ipelegeng go baakanya terata gammogo le go tla ka methale e mengwe jaaka go epela mapako a masha le go dirisa terata ya buffalo fence.
O tlhalositse fa e tla a re mo bogaufing ba simolola go kentela dintsa bolwetsi jwa molafo mme ba tla simolola ka mafelo a manyenyane jaaka Tsetsejwe..BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya khansele-potlana
Date : 12 Jun 2014