Breaking News

Dikgomo di robile masimo kwa Malwelwe

12 Jun 2014

Balemi ba Malwelwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba mo selelong ka dikgomo tse di ba senyeditseng kwa masimong ba lebile go roba.

Fa ba bua mo potsolotsong , mongwe wa  balemi ba motse oo Mme Tshwanelo Ramatokwane a re o ne a na le magapu a mantsi a a neng a ikaeletse go a rekisa go kgona go itshetsa, mme a tlhalosa fa dikgomo di a nyeleditse ka ponyo ya leitlho.

Mokhanselara wa motse oo, Rre Lefty Ramotswai a re dikgomo ga di senyetse balemi fela mme di senyetsa puso ka ke yone e ntshang madi a mantsi go lemela batho.

Rre Ramotswai a re go senya ga dikgomo go felela go dira gore balemi ba felele ba roba mabele a ise a wele go butswa ka letshogo la go felela ba itshwere melomo.

O tsweletse a bolela gore se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore molemi o kgona go tswa kgakala a isa dikgomo kwa lekgotleng mme a fete a busiwe gotwe a ye go senka mong wa tshipi e e mo dikgomong, a tlhalosa fa seo se a bo se bolelelwa bagodi ba ba sa itseng le gone go bala.

A re bodiredi le bogosi ba motse wa Malwelwe ga ba tseye balemi ka tlhoafalo mme se se tla felela se dira gore balemi ba itseele molao mo diatleng.O tlhalositse gore selelo  seo sa majo a dikgomo ga se mo motseng wa Malwelwe fela mme se fitlhelwa le kwa Ngware, Diphuduhudu le Maratswane.

Rre Ramotswai a re fa puso e sa tsenye letsogo go rarabolola seemo mo metseng eo, banni ba tla felela ba nna le boitseme jwa go sola mosola mananeo a puso a a ntshang batho mo lehumeng a tshwana le bo ISPAAD. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 12 Jun 2014