Breaking News

Banni ba itela mo go Mopalamente

12 Jun 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Shashe Mooke, Rre Anderson Moalosi  a re le mororo thobo e tla dika ele teng, bone  kwa Shashe Mooke ba ka seke ba ipele thata ka pula e ne ya godisa mohero jalo ba  palelwa ke go o laola ka  o ne o hupeditse dijwalo. 

Fa a bua mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya motse bosheng, Rre Moalosi a re kgolo ya mohero e dirilwe ke gore pula e ne e na e sa kgaotse ka jalo ba retelelwa ke go ya  go tlhagolela dijwalo.

 A re ba ne gape ba nna le petso ya dinonyane tse dintsi tse di neng tsa tlhotlhora thobo e e neng e setse e sa senngwa ke pula.

O tsweletse a re, go gosomana ga dipula go ne ga ba senyetsa ditsela mo motseng, ka jalo  ba bone go ba tlama go kopa ba khansele ya Francistown go ba adima badiri ba Ipelegeng go ba thusa go kaba ditsela.

Le fa go ntse  jalo, Rre Moalosi a re ba lebogela kago ya tsela e e tswang Francistown e ya  kwa Shashe Mooke, a tlhalosa fa  tsela eo, e tlhofofaditse mosepele wa banni ba motse, e bile e lebega e tla tsisa ditlhabololo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo o kaile fa sekole se se botlana se sa tlhole se kgona go tshegetsa palo ya bana e bile ba fetile le bone barutabana  tota.

A re se, se raya gore ba  tlhokana le sekole sa bobedi  go fokotsa  mosuke  gore bana ba rutwe sentle. O kaile fa ba sale ba  bone lefatshe le go ka agiwang sekole mo go lone mme ba eme fela ka  gore se rebolwe. O supile fa  banni ba motse ba kgonne go kgobokanya  matsana  go thusa go aga  ntlo e bagodi ba tla  amogelelang mo go yone mme a kopa dithuso gore  mogopolo wa bone o atlege.

Phuthego e, ke nngwe ya tse mopalamente Rre Pono Moatlhodi a di buisang mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi go rola tse di dumalanweng  kwa palamenteng e e fetileng  le go tsaya megopolo go e isa kwa go e e tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalethata Maganu

Location : SHASHE MOOKE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 12 Jun 2014