Thuto ke motheo wa ngwana
12 Jun 2014
Mogolwane wa tsa thuto kwa kgaolong ya Kweneng, Rre Mokwadi Tese a re thuto ke yone konokono ya botshelo jwa ngwana.
Fa a bua mo phuthegong ya batsadi, barutabana le bana ba mophato wa boraro kwa sekoleng sa Tshegetsang bosheng, Rre Tese a re bana ke batho ba ba santseng ba gola jalo go matshwanedi gore ba tshwaraganelwe.
O kgothaditse batsadi go lemoga gore bana ke tshegofatso ya Modimo jalo ba tshwanetse go ba tshwara ka manontlhotlho. Rre Tese o tsweletse a re bohutsana jo bo nnang mo dipelong tsa batsadi fa bana ba sa dira sentle kwa sekoleng, bo ka alafiwa fela fa batsadi ba ka tsenya letsogo mo thutong ya bana.
A re maitseo a ngwana a simolola kwa lwapeng, jalo go tlhoka botho ga ngwana go dira gore motsadi wa gagwe a tsamae a sa apara ka gonne batho ba dumela fa a tswa kwa lwapeng a ntse jalo.
Fa a itebaganya le baithuti, Rre Tese a re fa ngwana a sa reetse motsadi, o a bo a solegile ka go bo go sena kwa a ka bonang botlhale teng, ka jalo ngwana yo o reetsang motsadi, o nna le botlhale e bile lefa a ka palelwa ke dithuto, botshelo jone o a bo kgona.
O gateletse ka gore, “Bontsi ba lona gale palelwe ke dithuto, mathata a matona a lona ke go tlhoka go reetsa batsadi.”
Mogolwane o tlhomamisitse gore go tshwaraganela bana ga batsadi le barutabana go nonotsha bana thata ka gore le bone ba tia moko mme ba seke ba ipone tsapa go iteka.
O tsweletse a re letsholo le la go kopanya batsaya karolo mo thutong ya ngwana le simolotse ka 2012 mme le supile maduo a a itumedisang ka gore bana ba dira maitlamo ba bo ba a sale morago.
O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba a reng ba nna fela ba tshwaregile fa ba tshwanetse go kopana le barutabana.
A re batsadi bao, ga ba kgathalele thuto ya bana ba bone mme selo se, se digela tlase le go bolaya thuto ya bana.
Rre Tese a re o tshwenngwa ke batsadi bangwe ba a reng ga ba itse go tlhopha mofoko a a siametseng ditsebe tsa bana, a tlhalosa fa seo, se dira gore bana ba akanye gore mafoko ao a siame fela ka jalo le bone ba a dirise.
O gateletse thata gore batsadi ba tshwanetse go emisa go dirisa mafoko a lesotlo mo baneng ka gore ba kgona go fetoga se ba se bidiwang. O supile fa mafoko a a dirisiwang a tshwanetse go tlhabolola le go aga bana eseng go ba kgokgontsha.
Rre Tese o tlhalositse fa ngwana ele moemedi wa motsadi kwa sekolong, jalo a ba kgothatsa go ikgapha mo diritibatsing, dinotagi le go tsamaya ka dilo tse di borai jaaka dithipa gore ba kgone go laolesega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya batsadi le barutabana
Date : 12 Jun 2014