Dikwalo di ranoletswe kwa Sekalakeng
12 Jun 2014
Lekgotla la baruti le tshwaragane le ba lekgotla la Baebele la Botswana le tla a rulaganya modiro wa go neela batho dikwalo tsa Genesi (Kutangisa) le Lefitiko(Zwipo) tse di mo kgolagano e kgologolo mo Baebeleng tse di ranoletsweng mo temeng ya Sekalaka.
Mo phuthegong ee neng e tshwerwe mo kgotleng ya Nshakashogwe bosheng, moanamisa mafoko wa lekgotla la baruti Moruti Godfrey Nfila o ne a tlhalosa fa ba tla rulaganya modiro wa go neela batho dikwalo tse ka Phatwe mono ngwaga kwa Tutume.
O ne a supa fa lekgotla la Baebele la Botswana le kgonne go fetsa go ranolela dikwalo tse pedi tseo mo temeng ya Sekalaka mme di tshwanelwa ke go busediwa kwa Modimong le go tsegofadiwa ke baruti pele di ka fiwa batho.
A re modiro o e tla nna wa ntlha go dirwa mo kgaolong ya Bokalaka mme se se tla fa batho sebaka sa go bala dikwalo tseo ba bone gore a go dirisitswe Sekalaka se ba se itseng ebile ba kgona go se bala.
Moruti o ne a supa fa lekgotla la baruti le sena madi a go ka rulaganyetsa modiro o mme ba bone go tshwanela gore ba tshware diphuthego mo metseng yotlhe ya kgaolo ya Bokalaka go kopa batho go ba thusa ka madi gore ba kgone go baakanyetsa modiro oo.
Kereke nngwe le nngwe e ne ya kopiwa go ntsha madi aa kana ka dipula tse di makgolo matlhano ga mmogo le baeteledipele botlhe ba Setshaba.
O ne a tswelela ka go kopa Setshaba go thusa ka madi le sepe fela se ba nang naso gore modiro o tle o atlege.
Moruti Nfila o ne a tlhalosa fa kereke nngwe le nngwe e kopiwa go ntsha maloko a mabedi aa tla thusanang le komiti ee rulaganyetsang modiro.
Moruti Thamane Moeti wa kereke ya Head Mountain o ne a bolela fa ba lekgotla la Baebele la Botswana ba bone go tshwanela gore dikwalo tsa kgolagano e kgologolo di ranolelwe mo temeng ya Sekalaka gore Bakalaka le bone ba kgone go nna le Baebele ya bone ee kwadilweng ka teme ya bone.
A re batho ba tshwanetse go itumelela se ka ba tla kgona go ruta bana ba bone Baebele le go e tlhaloganya botoka ka teme ya bone.
O boletse fa Baebele e tla rekisiwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase gore mongwe le mongwe a kgone go e reka a e bale.
Moruti Moeti o ne a supa fa e le maitlamo a ba lekgotla la Baebele la Botswana go bo ba feditse go ranola dikwalo tsotlhe mo kgolagano e kgologolo ka ngwaga wa 2016.
Mme o ne a kopa batho go bula dipelo tsa bone ba thuse ka tse ba nang natso e seng madi fela, le fa ele tse ba di boneng kwa masimong gore modiro o kgone go atlega.
Mme Rosina Dambe, yo e leng monni wa Nshakashongwe o ne a supa fa a itumelela se se dirilweng ke ba lekgotla la Baebele la Botswana ka le ene a tla nna le sebaka sa go bala Baebele ee kwadilweng ka teme ya gagwe ebile a tla e tlhaloganya botoka.
A re e tla re moruti kwa kerekeng a ruta ka Sekalaka ba kgone go bula Baebele le bone ba bale se a se rutang mo go tla dirang gore ba tlhaloganye se se buiwang.
O ne gape a re se se tla fa bana ba gagwe monyetla wa go ithuta Baebele ka teme ya bone gore ba seka ba latlha ngwao ya bone.
Mme Dambe o ne a gateletsa mafoko a moruti a gore batho ba tshwaragane ba thuse gore ba kgone go rulaganyetsa modiro e bile a supa fa a tla tswelela ka go rotloetsa batho ba motse wa gaabo go thusa ka se ba nang naso gore motse wa bone o seka wa salela kwa morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Jun 2014