Thari ya Setso e ipaakanyeditse dikgaisano
12 Jun 2014
Moeteledipele wa setlhopha sa Thari ya Setso kwa Tsabong a re monongwaga ba tla feta ka tse di tsididi ka ba ipaakanyeditse dikgaisano tsa malatsi a ga tautona tse di tla a tshwarwang kgwedi e e tlang.
Rre Tshwarelo Mmoloki o tlhalositse fa ngwaga o o fetileng ba tsere maemo a ntlha mo karolong ya badiragatsi ba ba magorogo masha., a supa fa se, se itumedisitse banni ba kgaolo ya Kgalagadi fela thata ka ba re setlhopha se tlotlomaditse sa bo sa tsholetsa serodumo sa bone. O kaile fa ba na le kgwedi ba le mo kampeng go ikatisetsa dikgaisano tseo .
O tsweletse a bolela fa ba simolotse setlhopha se morago ga go sa dira sentle mo dithutong tsa bone tsa sekole. A re ba simolotse ba le masome a mabedi le botlhano ba bina mmino wa phathisi o e leng one ba neng ba gaisanya ka one ngogola. O tsweletse a tlhalosa fa monongwaga ba tlhakantse mmino le motshameko go supa tota se pina e se tlhalosang.
A re monongwaga pina ya bone ya re “ngwao ke bojanala”, jalo borre ba tla a bo ba apere dibaki tse di dirilweng ka matlalo fa bomme bone ba tla bo ba ikokegile ka dijale e bile ba tshwere ditlatlana go supa ngwao. O kaile fa maikaelelo a bone ele go somarela ngwao gore dikokomane di tle di e fitlhele
A re ba remeletse mo go reng dikgosi di eme ka dinao di bitse mephato. O tsweletse a re, “ Re le badiragatsi e kare bojale le bogwera re di seegetse kwa thoko mme ra re dikgosi di eme ka dinao gore ngwao e bolokwe”. Rre Mmoloki o boletse fa mmino wa setso o ka rekisa lefatshe la Botswana kwa ntle.
O tsweletse a re, le fa ba kile ba nna le kgwetlho ya letlhoko la madi pele ga ba tsenelela dikgaisano tsa ga tautona, ba setse ba golotse dipina di le pedi tse di dirang sentle fela thata, mme ba ikaeletse go golola DVD monongwaga. O tsweletse a re ka ba itse kwa ba batlang go ya teng, ga ba kgobege marapo le fa ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya batho ba ba gwebang ka mmino e se ka fa molaong.
O supile fa dikgaisano tse di ba thusitse fela ka ba itshetsa ka madi a ba atswiwang ka one gonne ba bereke. A re o batla go bona setlhopha sa gagwe se godile se itsiwe le kwa mafatsheng a sele. Rre Mmoloki o kgothaditse banana go tsaya bodiragatsi ka tlhoafalo ka bo ka isa motho kwa mankalengkaleng.
O supile fa boineelo, bopelotele, tirisanommogo, lorato le go tlotla nako ele tsone tse di ba kgontshang go dira tiro ya bone ka bokgabane.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshwanelo Feledi
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 12 Jun 2014