Breaking News

Banni ba maoto a tshupa go kwadisa ditsha

12 Jun 2014

Lephata la kabo ditsha la Ngwato kwa Serowe la re ga le jesiwe diwelang ke batho ba ba sa kwadiseng le go potiela ditsha tsa bone.

Matshwenyego a  a  supilwe ke motshwarelela mogolwane wa tsa kanamiso mafoko mo lephateng leo, Mme Shirley Tsheko mo potsolotsong bosheng.

A re lephata la gagwe le sale le fetsa go sekaseka ditsha tsa metse di le 18 658  kwa Serowe le dikgaolo tse di mabapi  mme  go setse go kwadisitse batho ba le 7 657 fela. 

A re selo se ke matshwenyego a a apereng  lephata la bone mme a supa  fa go ba thatafaletsa go itse gore mang o na le setsha kae  gammogo le tiriso ya sone. 

Mme Tsheko o tlhalositse fa go le botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a kwadise setsha sa gagwe ka se, se ka thusa ba lephata la kabo ditsha go fokotsa diphoso tsa go tlhatlhaganya  batho le ketsaetsego ka nako ya peo.

O tsweletse ka go supa fa moono e le gore Motswana mongwe le mongwe yo o nang  le setsha a fiwe setlankana se sesha se se nang  le nomoro ya setsha go se sireletsa, a tlatsa ka gore ga go lopiwe dituelo dipe tsa go potiela fa ba dira jalo ka nako e e beilweng. 

O bile a gakolola setshaba ka kakaretso go tsibogela kwadiso e nako e sa le teng. 

A re ba tla bolotsa letsholo mo kgweding ya Seetebosigo ba tsena mo dikokelong  go leka go tsibosa le go gwetlha batho go kwadisa ditsha tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 12 Jun 2014