Bosigo o batlisiwa masika
11 Jun 2014
Ofisi ya boipelego (S&CD) mo khanseleng ya Francistown e kopa setshaba go thusa go batla masika a ga Mme Lesiela Bosigo.
Mme Bosigo o tlhokafalatse kwa kokelong ya Nyangabgwe kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a mabedi. Moswi o kile a nna kwa Riverside gone kwa Francistown mme a tloga a fudugela kwa Area W kwa a tlhokafalang a nna teng.
Baba ka tswang ba itse masika a gagwe ba kopiwa go ikopanya le ba ofisi ya boipelego kwa khanseleng ya Fancistown kgotsa ba itshwaraganye le: Balebemang Molebi kgotsa Daisy mo megaleng ya 2411848, 2411984, 2411915
Source : S&CD
Author : BOPA
Location : FRANCISTOWN
Event : Patlisiso
Date : 11 Jun 2014
Related News
13 Oct 2025
Mopamente o aba ntlo
10 Oct 2025
Madziba o itshetsa ka dikiriba
08 Oct 2025
Ba supa fa madi a bagodi a fetotse matshelo
07 Oct 2025