Breaking News

Metlhala ya khumo e mentsi...

11 Jun 2014

Rre Bonolo Kgautlhe wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi, ke monana yo o lemogileng fa metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka balatedi.

E rile a bua mo potsolotsong ka Mosupologo, Rre Kgautlhe yo o tlholegang kwa Kanye mo kgaolong ya Borwa a tlhalosa fa thuto e se yone fela e e ka tokafatsang botshelo, bogolo jang ka puso e otlolotse letsogo go tla ka mananeo a mantsi a a ka namolang Batswana mo lehumeng.

A re go ngomola pelo go bona banana ba ntse moriti o tsididi le ntswa bangwe ba na le ditalente le bokgoni jwa go dira ka diatla.O tsweletse a re ene o bone gore go dira ka diatla ke konokono ka e bile fa motho a tlhoafetse o ka fetola botshelo jwa gagwe.

Monana yo o simolodisitseng kompone ya Typestry Weavering & Artistic Embroidery e e itebagantseng thata le tiro ya diatla, a re kompone ya gagwe e itebagantse le go loga ditlhako, dijase, mebete e e kgabisang, dibeke, matsela a a kgabisang mo matlong, diaparo le dikano tsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao.

O boletse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka 2010, a gwetlhilwe ke letlhoka la ditiro le le apereng banana ka bontsi.A re mo tirong ya gagwe, o dirisa thata dikgetse tse di latlhilweng tsa samente,  phaletshe le tsa letswai. 

O tsweletse a tlhalosa gape fa a dirisa megala go kgabisa dithoto tse a di logang mme morago a di rekise.A re o tsere malebela a go loga mo go rre mongwe wa letso la Zimbabwe yo o logang diaparo ga mmogo le mekgabisa ka go farologana.

A re o ne a itsalanya le rre yoo mme a anywa botsipa mo go ene, ke ka moo mo nakong eno a kgonneng go ipulela kgwebo ya gagwe.Rre Kgautlhe o supile fa a thapile monana a le mongwe fela yo a dirang le ene.

A re kgwebo e tsweletse sentle ka jaana Batswana ba itumelela dithoto tsa gagwe tsa boleng jo bo kwa godimo. O tsweletse a re bangwe ba kgona go mo laletsa go kgaogana botsipa joo le baithuti ba dikole, mekgatlho, dikereke le bana-le-bogole ka ba lemoga fa tiro ya diatla e le botlhokwa e bile e ka fetola matshelo a batho.

Rre Kgautlhe o ipelafatsa ka tiro le bokgoni jwa gagwe a supa fa a setse a rutile palo e e nametsang e akaretsa bana-le-bogole ba mokgatlho wa Tshidilo Association le Central Association of the Blind and Disabled kwa Serowe ga mmogo le ba kereke ya Faith Mission kwa Digawana kwa kgaolong ya Borwa.

Ka kgwebo e seke e tlhoka dikgwetlho,  Rre Kgautlhe a re go tlhoka didirisiwa, lefelo le a direlang mo go lone le madi a go reka ditsompelo dingwe tse a di tlhokang  gammogo le sepalamo sa go ipapatsa mo mafelong a a farologaneng ke mangwe a mathata a a kopanang le one mme ga a kgobege marapo.

Rre Kgautlhe a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e godile, e tlhamela balekane ba gagwe ditiro ka bontsi bo saila mo mebileng. O kgothaditse banana go tlogela go inyatsa mme ba ikemele ka dinao go itirela ka diatla ba dirisa ditalente tsa bone. A re go itshimololela dikgwebo go ka ba thusa go hema go iphitlhela ba amega mo borukutlhing. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 11 Jun 2014