Kgosi o ngomolwa pelo ke ba ba rekisang lefatshe
11 Jun 2014
Mothusa kgosi kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Makgabane Tsiane a re go ngomola pelo go bona banana ba inaakantse le go rekisa lefatshe le ba le abetsweng ke ba lephata la kabo ditsha ntswa lefatshe le tlhaela e bile ba tla a le tlhoka thata mo isagong.
Kgosi Tsiane o kgadile a sa kgwe mathe banana bangwe ba motse wa gagwe ba ba tsweletseng ka go rekisa ditsha bogolo jang tsa masimo go reka dikoloi. A re seemo se, se mo tshwentse fela thata ka jaana se tsere phekelo e sele ka ekete banana jaanong ba a gaisana ka go rekisa lefatshe.
A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore morago ga go rekisa ditsha tseo, ga ba dirise madi ao sepe fela se se ka ba sologelang molemo fa e se gone go itontela nnotagi. O gakolotse banana go tlhaloganya fa lefatshe le sa oketsege mme go oketsega palo ya batho.
A re mo nakong eno puso e lela ka tlhaelo ya lefatshe mme go a makatsa go bona banana bone ba tsweletse ka go le rekisa.
Kgosi Tsiane o boletse fa a dirile maiteko a go leka go gakolola banana go tlogela go rekisa lefatshe ka go ka seke go ba busetse sepe mme o supile fa maiteko a gagwe go lebega a itaya sefololetse ka jaana banana ba tsweletse ba rekisa ka dipalo tse di kwa godimo.
O gwetlhile banana go somarela ditsha tse ba di filweng ke ba kabo ditsha gore ba direle bana ba bone bokamoso, a supa fa lefatshe e le boswa e bile ba tla a le tlhoka mo isagong.
Mo potsolotsong, mongwe wa banana ba motse wa Takatokwane, Rre Boroko Komeng o supile fa letlhoko la ditiro le le ba apesitseng le gone go tlhoka mafelo a itloso bodutu e le mangwe a mabaka a a dirang gore banana ba inaakanye le ditiro tse di sa siamang di tshwana le nnotagi le gone go gweba ka lefatshe.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Tsiane o ganeditse seo a supa fa puso e tlhamile mananeo a banana a le mmalwa a tshwana le tirelo setshaba, Youth Development Fund le a mangwe, mme banana ba sa a kgatlhegele gonne ba nna fela mo bojalweng.
A re banana ba tlogele go ipata ka kgang ya gore letlhoko la ditiro ke kgwetlho e e ba gogelang go rekisa lefatshe mme ba inaakanya le mananeo a ba a tlhametsweng ke puso go tokafatsa matshelo a bone.
O gakolotse banana go tlhaloganya fa maikarabelo otlhe a matshelo a bone a le mo diatleng tsa bone ka jalo a tlhalosa fa tiriso botlhaswa ya bojalwa e le mmaba mogolo mo tebelopeleng ya 2016 e puso e eletsang gore Batswana ba atlege ka go lwantsha lehuma.Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelley Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 11 Jun 2014