Breaking News

Dikgang tsa tlhalano di golela pele

11 Jun 2014

Kgosi mo kgaolong potlana ya Tutume, Kgosi Jenamo Magapatona a re dikgang tsa  go kgaogana ga banyalani, segolo thata mo bananeng di ile magoletsa.

Kgosi Magapatona o buile jalo mo potsolotsong, a tlhalosa fa  go lemosegile fa banyalani bangwe ba tsena mo lenyalong ba ise ba wetse mogopolo mme ba felele ba palelwa ke go itshokela dikgwetlho tsa lone.

Kgosi Magapatona a re go botlhokwa gore banyalani ba itshekatsheke ba bo ba dumalane ka tse di ba amang pele ba ka tsaya tshwetso ya go tsena mo lenyalong.

A re mangwe mabaka a a tlhotlheletsang kgaogana e, ke go bo bangwe ba tsena mo lenyalong ka maikaelelo a papadi ba lebeletse dithoto tsa yo mongwe ntswa go sena lerato.

Kgosi Magapatona a re go botlhokwa gore lenyalo le agelwe mo leratong e seng papadi, a tlatsa ka gore go dira jalo banyalani ba ka kgona go tshegetsa manyalo a bone e bile ba ka emela dikgwetlho tse di ka tlhagogang.

O gakolotse banyalani, bogolo jang basha go kopa thuso fa ba lebanwe ke dikgwetlho, a tlatsa ka gore neelano, boineelo, bopelotelele therisano ke dingwe tse di ka thusang go hema kgaogana.

Kgosi Magapatona o supile gape fa morero mo lenyalong o le botlhokwa e bile o tshwanelwa ke go salwa morago. A re morero o thusa go sidila banyalani maikutlo gape o dira gore ba tlhaloganye ba bo ba nne le kutlwisisano le tshepo mo lenyalong.

Mo go tse dingwe, Kgosi Magapatona o supile fa a sa itumedisiwe ke bangwe ba ba ikopelang ditsha tsa kgwebo, bonno le masimo mme e re ba sena go di abelwa ba di rekise. Kgosi a re go a ama gore e re lefatshe le tlhaela jaana, bangwe e bo ba gweba ka lone.

A re bone ba ba rekisang lefatshe, ke bone gape ba ba felelang ba tlhoka fa ba nnang teng e bile gape ba ngongorela gore go tsaya lobaka gore go abiwe ditsha. Go sale foo, Kgosi Magapatona o supile fa dikgang tsa go lwela dithoto tsa boswa e le kgwetlho.

A re ba tsweletse ka go amogela dikgang tsa mofuta o, a tlhalosa fa go tlhoka go nna le keletso ya go iperekela bogolo jang ga banana go tsala dikgang tse. A re bangwe banana ga ba na keletso ya go itirela sepe fela mo botshelong ka ba gabile gore ba tla a tsaya dithoto tsa batsadi ba bone.

Kgosi o supile fa nako e gorogile ya gore Motswana mongwe le mongwe a tseye mananeo a a farologaneng a puso go itirela bokamoso jo a ka itshetsang ka jone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 11 Jun 2014