Balemi bangwe ba boitseme
11 Jun 2014
Mopalamente wa Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka a re puso e tshwentswe ke balemi ba ba sa tlhokomeleng masimo a bone ntswa go dirisiwa madi a mantsi go ba thusa go lema.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Tsetseng bosheng, Rre Ngaka a tlhalosa fa se, se folodisa maiteko a puso a gore balemi ba ntshe dijo tse di lekaneng go jesa lefatshe leno. O tsweletse a tlhalosa gape fa e tla a re mo ngwageng o o tlang wa temo, puso e seke e thuse balemi ba ba lemang ba gasa ka jaana go sena maduo.
Mo go tse dingwe, Rre Ngaka o tlhagisitse banni ba motse oo ka manweenwee mangwe a a tsietsang baruakgomo fa ba reka dikgomo mo go bone.
A re bareki bao gantsi ba tsaya dikgomo mo baruing mahala ba tlhalosa fa ba tla a ba duela fa ba sena go bona dipoelo ka go rekisa dinama tsa dikgomo tseo mme e re morago ba tsene ka lenga la seloko kgotsa ba sokodise barui pele ga ba ba duela.
O tlhalositse fa mo nakong eno, go tsile dipego di le masome a matlhano tsa barui ba ba tsieditsweng kwa ofising ya gagwe.
A re bareki ba go nna jaana ba dirisa bogolo jang bannabagolo ka jaana ba itse fa ba ka se gane ka ntlha ya letlhoko la madi.
O tsweletse a tlhalosa fa dikgosi di filwe dithata tsa go sekisa le go atlhola tshenyo ya leruo mo masimong.
Rre Ngaka o boleletse banni fa go sena dipe ditumalano tsa go tsenya motlakase mo motseng wa bone ka jaana puso e santse e lwa le go tokafatsa tlhaelo ya motlakase mo lefatsheng leno.
A re e tla a re puso e sena go tokafatsa tlhaelo ya motlakase ke gone e tla sekasekang go gokela metse e e setseng.
Rre Ngaka o tlhalositse jaana morago ga gore kgosi wa motse oo Rre Matausu Gaothuse a tlhalose fa basa bolo go lela ka letlhoko la motlakase mo motseng wa bone, a supa fa seo se dira gore motse wa gagwe o tlhabologe ka bonya.
Kgosi Gaothuse o supile fa ba tshwentswe thata ke dikgomo tsa matimela tse di sasankang mo motseng wa gagwe ka jaana di baka tshenyo e ntsi kwa masimong ka nako ya temo.
A re ba ikuela kgapetsa-kgapetsa kwa ofising ya ba lephata la matimela kwa Letlhakeng mme ba maoto a tshupa go phutha matimela ao.
A re ntleng le go senya, dikgomo tseo jaanong di rotloetsa bogodu ka jaana dingwe tsa tsone di sa bolo go nna mo kgaolong eo mme di nonne e bile di ntsha pelo ka e bile di ronka ka marole a a sa tshwaiwang.
Kgosi Gaothuse o bile a tlhalosa fa tanka ya metsi ya motse oo, e senyegetse ruri mme metsi a nna a tshologa fela, selo se a reng ke sone se okang dikgomo tseo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Direemang Kgolo ene o supile fa motse oo o lebogela diromamowa tse puso e di fileng bagolo mme a tlhalosa gape fa ba lebogela tshekatsheko ya ba ba tla a thusiwang mo lenaneong la nyeletso lehuma, ntswa a re e tsamaya ka bonya.
A re bonya joo bo dirwa ke gore bodiredi jwa puso bo na le mathata a dipagamo.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa matshwenyego ka tsekatsheko ya ba-na-le-bogolo le ya bana ba dikhutsana, e a tlhalositseng fa ba tsaya lebaka go thusiwa.
Mme Gaothuse a re o tshwenngwa ke mananeo a lephata la banana, a supa fa ofisi eo e tlhoka go dira go le gontsi ka jaana banana ba sa tlhaloganye pharologanyo mo mananeong a a fiwang ke ofisi eo bogolo jang le lesha la tirelo setshaba, le a supang fa le sokodisa bana ka jaana ba latela dituelo kgakala.
O tlhalositse fa tshekatsheko ya ba ba ikopetseng mananeo mo ofising eo e tsaya lebaka
Mma-banana wa kgaolo ya Takatokwane, Mme Refilwe Tlhobogang o tlhalositse fa lenaneo leo la tirelo setshaba le santse le na le makgwerenyana ka jaana le santse le le lesha.
A re banana ba ba mo lenaneong leo ba buletswe dipolokelo kwa bankeng ya Barclays, e a reng e santse ele mo dipuisanong le ba Poso gore banana ba tle ba kgone go tseela madi a bone segautshwane mo diposong.
O tsweletse a tlhalosa gape fa tlhaelo ya dikoloi e dira gore ba seka ba kgona go etela metse kgapetsa-kgapetsa mme a re tshekatsheko ya baikopedi e dirwa ke komiti e e bopilweng ka badirelapuso ba maphata a farologaneng, ka jalo ga ba kgone go kopana kgapetsa kgapetsa ka fa gongwe ba abo ba tshwaregile kwa maphateng a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Olekantse Sennamose
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Jun 2014