Breaking News

Ramaphatle ke motse

11 Jun 2014

Banni ba Ramaphate gaufi le Thamaga ba boleletswe fa lefelo leo jaanong le tlhomamisitswe go nna motse.

E rile a lekodisa phuthego ya kgotla bosheng, modulasetilo wa komiti ya boeteledipele jwa kgaolo ya Kweneng,  Rre Motlhophi Leo a tlhomamisa fa puso e tsere tshwetso go netefatsa fa Ramaphate jaanong a le mo seemong sa go nna motse.

Rre Leo, yo gape eleng modula setilo wa khansele ya Kweneng, o tlhalositse fa Ramaphate e le one motse fela o tlhomamisitsweng go nna motse fa mafelo a mangwe ale lesome le bone  a kgaolo eo a tsentswe ka fa tlase ga metse e megolwane e e mabapi go nna dikgotlana tsa yone.

Mafelo ao  ke Ramankhung, Nhwi, Mmakanke, Gamononyane, Sasakwe, Maratswane, Mmasebele, Motlabaki, Kikeng, Kgesake, Matlagatshe, Mmaothate, Suping, le Mmamhiko

Modulasetilo Leo o kopetse puso maitshwarelo ka se go kaegileng e ne ele go tlhoka morero mo lobakeng le le fetileng mo go tlhalositsweng ke Kgosi  Letlole Thobega mo mafokong a kamogelo.

Kgosi o tlhalositse fa go ne ga felela go thubiwa matlo a batho bangwe ka go ne gotwe ba ne ba ipeile. Mo mafokong a kamogelo kgosi wa motse wa Mmankgodi Rre Letlole Thobega o nyaditse le go kgala thulaganyo ya go diegela go tlhomamisiwa ga motse wa Ramaphate le go ngongoregela se a kaileng ele go tshwarwa ka molema ga batho ba lefelo leo.

Kgosi o ngongoregetse go tlhoka morero ka dikgang tse di neng di ama motse wa Ramaphate di akaretsa tshwetsho ya go thubela ba ba neng ba kailwe ele bo maipaafela.

A re go gogagoga batho ba lefelo leo go amile thata tlhabololo ya matshelo a bone ka jaana ba ne ba kgaphetswe ntle mo dithulaganyong tsa mananeo a puso ka jaana dipeo tsa bone di sa tlhomamisiwe mme ba fetiwa ke mananeo otlhe a a tlhabololang matshelo a Batswana ka bontsi.

Banni ba Ramaphate mo go bone go le Rre Charles Pilediwa ba iteetse legofi tshwetso ya go tlhomamisa lefelo leo go nna motse, ba akgola segolo bogolo kgosi Rre Thobega le mokhanselara wa kgaolo Rre Duke Mafhoko go bo ba nnile le seabe se segolo mo go netefatseng gore Ramaphate o rurifadiwa go nna motse.

Rre Pilediwa o supile ba kabo ditsha ka monwana gore ba diretse kgaolo eo phoso ka go tsaya ditshwetso tse di sokameng e bile di tlhaela boammaruri.
Kgaolwana ya Ramaphate mo lobakeng le le fetileng e ne e faraferwe ke dipuo tsa gore e hupeditswe ke bomaipaafela, ntlha e e neng ya pateletsa lekgotla la kabo ditsha la kgaolo ya Kweneng go thubela batho ba le lesome le motso mo go ba le masome mabedi ba go neng go dumelwa ba ipeile ditsha kwa motsaneng oo.

E re ntswa lekgotla la kabo ditsha go lebega le ya go itshwarela bangwe ba batho ba ba amegileng mo go ipeeng ditsha ka gore jaanong ba tla a tlhomamisediwa dipeo, batho ba tlhagisiwa le go gakololwa go tlogela go tswelela ba ipaya ditsha kwa Ramaphate.

E rile a leboga, mokhanselara Rre Mafhoko a akgola tshwetso ya go tlhomamisa Ramaphate le go kopa lekgotla la kabo ditsha go fefogela dipeo ka ele tsone di ka thusang morafe go bona ditlamelo di  akaretsa motlakase, kgokelo ya metsi le mananeo a mangwe a a tokafatsang matshelo a Batswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Jun 2014