Breaking News

Lenaneo le thusitse monni wa Mogorosi

11 Jun 2014

Monni wa Mogorosi mo kgaolong ya Legare, Rre Moreri Koorapetse, yo o dingwaga di masome a mane le bosupa a re o tshela ka boitumelo morago ga gore lenaneo la nyeletso lehuma le mo fetole morui wa dipodi.

O buile jalo mo puisanong bosheng. A re puso ya Botswana e tswa goo lowe e kgathala ka matshelo a Batswana e bile e lemoga letlhoko le le mo go bone.

Rre Koorapetse yo o itsegegeng ka leina la Rex mo motseng  a re, “ke ne ka ikgolaganya le ofisi ya boipelego ya motse wa Mogorosi ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o o fetileng, mme e ne ya re mo sebakeng se se sa fediseng pelo ga anamisiwa maina a batho ba ba nnileng le kgatlhego go akola lenaneo le la nyeletso lehuma,”

A re ba ne ba isiwa dithutong tsa malatsi a mararo go rutuntshiwa ka lenaneo ga mmogo le go fiwa bogakolodi. O tlhalositse gore o ne a bona thuso gone mo ngwageng wa 2013 ka kgwedi ya Sedimonthole ka go fiwa dipodi di le lesome le boraro.

Mo go tsone a re di le lesome le bobedi ke tse  dinamagadi fa e le nngwe e le phoko. O tsweletse ka go atla lenaneo le, a re le mo dule lesego go nna morui e bile  itsholelo ya gagwe e tla tokafala fela thata fa a tshwantshanya le pele,

Rre Koorapetse o kgothaditse ba ba iseng ba lemoge botlhokwa jwa mananeo a, go a tsaya ka tlhoafalo go inamola mo lehumeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 11 Jun 2014