Lenyora le gaketse kwa Hereford
11 Jun 2014
Metsi a botlhokwa thata mo botshelong ka a dirisiwa malatsi otlhe mo sengweng le sengwe.Letlhoko le, le ne le sa ama bone fela le amile le dikgwebo tsa merogo.
Mme Dorris Motonke ke mongwe wa batho ba ba neng ba amilwe fela thata ke letlhoko la metsi ka go bo a itshetsa le ba lolwapa lwa gagwe ka tshingwana ya merogo.
O boletse fa merogo e tlhokana le go nosediwa malatsi otlhe e seng jalo e a swaba. A re fa merogo ya gagwe e senyegile ka jalo go ya go tsaya lobaka gore e ka tsena mo seemo se se itumedisang, a lebeletse le gore re mo pakeng yamariga gape kgaolo e ya bone e le tsididitsididi.
O supile fa a palelwa ke go ya go gelela metsi a mantsi a a ka kgonang go dirisiwa mo lwapeng le mo go nosetseng merogo. A re kwa ba tsayang metsi teng, ba ema teng lobaka lo lo telele ka gore go a bo go na le mela e meleele ya batho ba ba emetseng go sielwa metsi.
Mme Mmama Bakoje le ene o ne a ntsha la gagwe. O kaile fa ene seemo se, se mo amile go feta mongwe le mongwe ka e bile o ne a patelesega go emisa go lema mono ngwaga.
Se se bakilwe ke gore o ne a kgaolelwa metsi ka o ne a kolota madi a mantsintsi. A re kgwebo ya gagwe e a neng a e dirisa go jesa ba lolwapa lwa gagwe e eme ka go bo a ne a sa kgone go ya go ga metsi nako le nako a tla go nosa merogo.
O supile fa go kgaoga ga metsi mo motseng wa bone go ketefaditse dilo, ka jalo a re go bokete mo go bone go ya go ga metsi kgakala le kwa ba nnang teng ka e bile ga ba na dikoloi kana dikotshekara tse ba ka di dirisang go pega metsi a bone.
O tlhalositse gape fa ba se na madi a go duela batho ba ba ka ba thusang go ba tseisa metsi. Bomme ba, ba re ba a tlhaloganya gore metsi a kgona go tlhokega fela ba kopa ba lephata la metsi go tsibogela mathata a ka bonako. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshepiso Tsietso
Location : HEREFORD
Event : Phuthego
Date : 11 Jun 2014