Breaking News

Maruje o lebogela Ipelegeng

10 Jun 2014

Lenaneo la Ipelegeng le le neng le itsege thata mo malobeng ka leina la namola leuba le tsweletse ka go dira bontle mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Go ya ka Kgosi Maruje III, lenaneo le, le diretse motse wa gagwe bontle tebang le tsa ditlhabololo. Kgosi Maruje III a re lenaneo le le tsweletse ka go dira ditiro tse di farologaneng, a tlhalosa fa mo nakong eno go agiwa metlaagana e e tla dirisiwang ke bagwebi ba ba botlana, selo se a reng se tla a thusa go godisa itsholelo ya motse wa gagwe.

O tlhalositse fa  bosheng, motse wa Masunga o ne wa gapa sekgele morago ga go gaisa metse e mengwe ka bophepa, a kaya fa go phephafatsa go ne go dirwa ke babereki ba Ipelegeng. Go ya ka Kgosi Maruje III, puso e kgonne go bepisa letlhoko le batho ba metse-selegae ba neng ba tshelela mo go lone.

A re ka ntlha ya fa ba kile ba dira ka natla mo Ipelegeng, banni bangwe ba setse ba dira bontle mo dikomiting tse dingwe jaaka ya ditlhabololo tsa motse, ya balemi-barui, a bolela fa batho ba go nna jalo ba supile bokgoni le lorato mo go lweleng ditlhabololo tsa metse ka nako ya fa ba direla kwa Ipelegeng.

Kgosi Maruje III o kopile puso go oketsa sebaka se babereki ba Ipelegeng ba se fiwang mo tirong go leka go thusa gore ba kgone go fitlhelela ditoro le dikeletso tsa bone. A re dikatso tse ba di fiwang ba ka dira sengwe se se botoka fa ba ne ba ka fiwa sebaka se seleejana mo lenaneong leo.

O supile fa a eletsa gape go bona puso e isa babereki ba Ipelegeng kwa dikoleng tsa tiro ya diatla go ya go ithutela ditiro ka go farologana jaaka tsa go aga le tse dingwe tse di dirwang mo Ipelegeng.

Kgosi ya Mulambakwena, Kgosi Sam Jorowe o tlhalositse fa a itumeletse go bona le ene kgotla ya gagwe e nnile nngwe ya tse di sego go tlhabololwa ke ba Ipelegeng. Mme Thelma Madzambi yo e kileng ya bo ele mmereki wa pele wa Ipelegeng o tlhalositse fa le ene a kgonne go itatswa menwana ka matsana a Ipelegeng ka a kgonne go ithekela dilwana tsa mo ntlong.

A re e re ka jaana go bereka mo Ipelegeng go akaretsa go tshwara ka diatla, seo se mo thusitse thata ka go fa  mmele wa mmereki itshidilo e e tlhokegang. Mme Mazambi a e re le ntswa ditlhabololo di tla ka monokela mo motseng wa gaabo, lenaneo le, le thusitse ka go agela lebala la metshameko la motse wa bone matlwana a boitiketso. O akgotse maiteko a puso a go simolodisa lenaneo le ka jaana ditiro di le thata go ka bonwa segolo jang mo metseng e mebotlana.

Mmereki yo mongwe wa Ipelegeng Mme Senzeni Mashaka, yo o neng a rwele matogo a dijo e bile a rekile le diaparo, o supile fa lenaneo le mo thusa go oba letsogo. O tlhalositse fa a tshela botshelo jo bo eletsegang ka a kgona go robala a bone diyamaleng le bana ba itshireleditse ka diaparo tse di bothitho. Mme Mashaka o tlhalositse fa banni ba motse wa gaabo ba ithusa thata ka Ipelegeng ka go sena ditiro kwa motseng wa Zwenshambe.

E re ka jaana bontsi jwa ditlhabololo tsa metse selegae di gogwa kwa tlhogong ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, maloko a komiti ya motse wa Zwenshambe , Rre Wazha Moroka le Mme Banabotlhe Masala ba tlhalositse fa lenaneo le, le thusitse komiti eo go menagane ka ba le bosi ba ka se kgone go diragatsa ditoro tsa motse oo. Ba tlhalositse fa lenaneo le, le kgonne go aga masaka a matimela, go shafatsa matlo a barutabana gammogo le dikago tse dingwe tsa puso.

Rre Moroka o tlhalositse gore le fa lenaneo le le tsweletse ka go dira bontle, dikeletso tsa gagwe ke go bona le thapa banana go na le bagodi ka jaana bagodi bone go setse go nale dikatso tse ba di amogelang.

O tsweletse ka gore banana ba santse ba nale natla go ka dira ditiro tsa Ipelegeng botoka fa bontsi jwa bagodi ba tshabelelwa ke makoa a a amang ka fa ba ka ntshang maduo mo tirong ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Pego

Date : 10 Jun 2014