Breaking News

Banana ba Oodi ga ba kgatlhegele mananeo

10 Jun 2014

Kgosi ya Oodi kwa kgaolong ya Kgatleng, Rre Clatter Rantabe a re ga a itumedisiwe ke banana ba motse wa gagwe ba a tlhalosang fa ba sa kgatlhegele go dirisa mananeo a puso a a diretsweng go ba inola mo lehumeng le gone go ba thusa go itlhamela mebereko le dikgwebo.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Rantabe o tlhalositse fa banana ba motse oo ba sa atlega mo dikgwebong mme e bile ba sa supe fa ba na le kgatlhego epe fela ya go ikwadisetsa le gone go tsena diphuthego tsa kgotla go itse ka mananeo ao.

A re bontsi jwa bone ba phatlhaletse mo motseng mme e bile go ne go ka nna botoka fa ba ne ba ka ipopa ditlhophana kgotsa ba dira komiti e e leng gore e tla itebaganya le go reetsa dikgang tse di ba amang kwa kgotleng.

Kgosi Rantabe a re le fa a batla go bua le bone ga a itse gore o ka ba batlela kae ka jaana ba phatlhaletse, a tlatsa ka gore ba ya kgotleng fela fa gotwe go a hiriwa. A re bontsi jwa bone ga ba bereke mme gape ba ikgatholositse mananeo a puso a a ka bong a ba fa mmereko.

O tsweletse a re o tshwenngwa gape ke boitshwaro jwa bone jwa go itontela dinotagi ba sale banyennyane. A re banana ba tlhola fela kwa dibareng tse di mo motseng ba nwa bojalwa, selo se se dirang gore ba seka ba kgatlhegela go itirela sepe. Kgosi Rantabe o tsweletse a tlhalosa fa bangwe ba bone ba sa batle le gone go ya sekolong ntateng ya bojalwa.

A re ba tshwaragane le namane e tona ya go sala bana ba dikole morago go ya sekoleng segolo jang ba mophato wa boraro ba sekole se segolwane. Mo go tse dingwe, Kgosi Rantabe o tlhalositse fa a tshwenngwa gape ke ditsheko tse a kopanang le tsone tsa batho ba ba lwelang boswa.

A re selo se gantsi se kgaoganya masika, ka jalo o rotloeditse setshaba go ikgapha mo go direng jalo gore lefatshe leno le kgone go diragatsa maitlamo a lone a tshaba e e tshwaraganeng.

Gareng ga dikgang tse dingwe tse di amang motse wa Oodi, Kgosi Rantabe o tlhalositse fa a itumedisiwa thata ke thobo e ba nnileng le yone mo motseng wa gagwe, a tlhalosa fa e ne e nametsa e bile bontsi jwa batho ba dirile madi segolo jang ka thobo ya letlhafula.

Le fa go ntse jalo, kgosi a re o kopana le ditsheko tse mo go tsone balemi le barui ba nnang le tlhoka kutlwisisano ka nako ya temo.  A re balemi ba ngongorega ka leruo le le jang dijwalo tsa bone mo masimong mme fa barui ba lebisiwa dikgang tseo ga ba buisane sentle le bone gore ba kgone go rarabolola dikgang tsa bone sentle.

O tlhalositse fa  seo se bakiwa ke go bo barui ba sa dise dikgomo tsa bone sentle, jalo dikgomo di tsamaya fela jaaka di batla mme e bile gape di sa tlhatlhelwe. Kgosi Rantabe o rotloeditse barui go disa dikgomo tsa bone le go di tlhatlhela go itsa dikgang tsa go tlhoka kutlwisisano le balemi,  a tlhalosa fa makgamu otlhe a le mosola fela thata mo itsholelong ya lefatshe leno. BOPKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Johane

Location : OODI

Event : Potsolotso

Date : 10 Jun 2014