Seabe sa batsadi se a reketla
10 Jun 2014
Batsadi ba bana ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba kopilwe go ema ka dinao go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana ka seo se ka thusa thata mo go tokafatseng maduo a dikole tsa kgaolo eo.
Kopo e, e dirilwe ke mogwebi mogolo wa Tsabong yo e neng ele sebui sa tlotla kwa letsatsing la barutabana la kgaolwana ya Tsabong ka Labotlhano o o fetileng.
Rre Tshipietsile Mothelesi o kgadile batsadi ba ba boitseme mo go tshwaraganeleng thuto ya bana le barutabana, a supa fa go dira jalo e le go tlhoka boikarabelo ka ba sa kgathale ka bokamoso jwa bana.
O kaile fa go tlhoka go tsaya tsia dithuto tsa bana go supegetse fa go na le seabe se se ntsi mo kwelong tlase ya maduo mo dikoleng tse di mo kgaolong eo. Le fa go ntse jalo,
Rre Mothelesi yo e kileng ya nna morutabana o akgotse barutabana ba ba itshoketseng go berekela mo kgaolong ya Kgalagadi ntswa e le sekaka e bile e le kgakala thata le magae a bone.
A kaile fa ba dira jalo ka ntlha ya go supa lorato mo tirong ya bone le go tlotlomatsa thuto mo lefatsheng leno. O supile fa barutabana ba le botlhokwa thata mo botshelong ka mongwe le mongwe a feta ka bone.
O tlhalositse fa tiro ya barutabana bogologolo e ne e se motlhofo ka e ne e lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya matlo a borutelo, a boroko, didirisiwa le motlakase ka go ne go rutelwa ka fa tlase ga ditlhare le gone go ne go kgona go tlhakanela ntlwana e le nngwe ya boroko.
O supile fa mo nakong ya gompieno puso e tseela seabe sa barutabana kwa godimo ka e dirile diphetogo tse dintsi ka go tlhabolola le go godisa lephata la thuto.
O akgoletse barutabana seabe sa bone mo go tsa metshameko ka e le ka ntlha ya bone go bo banana ba lefatshe leno ba dirile go tlala ka diatla mo metshamekong ya Aferika e e neng e tshegeditswe ke lefatshe leno bosheng.
O rotloeditse barutabana go dira ka natla, boineelo, lorato le bopelotelele ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo go godiseng bana ba ba nang le boleng ba ba ka kgonang go ikemela le go itshetsa mo isagong.
O ne a abela barutabana P1 000 go dirisiwa mo moletlong oo. Fa a ntsha lefoko la kgothatso Mme Neo Badirwang morutabana wa sekole se se botlana sa Tsabong o lebogetse puso maiteko a e a dirileng go bo mo nakong ya gompieno seemo sa thuto se le botoka fela thata fa go tshwantshanngwa le bogologolo.
Mme Badirwang o kopile barutabana ka ene go itsetsepela thata le go rata tiro ya bone ka go nna sekao le go itlotla ka nako tsotlhe. O gwetlhile barutabana go dira tiro ya bone ka manontlhotlho ka e le bone lesedi la lefatshe le gone go ipelafatsa ka e le bone ba belegeng setshaba.
Fa a bala molaetsa wa lekgotla la BOSETU boemong jwa monnasetilo wa lekgotla leo, morutabana go tswa kwa sekoleng se segolwane sa Tsabong, Rre Herbet Nkabiti o kgadile thata botlhoka tsebe jo bo itshupang ka maitseo a a sa kgatliseng le go tlhagoga ga ditumelo tse di sa tlwaelesegang, a ba a kopa dikereke go lwantsha thata seemo seo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Letsatsi la barutabana
Date : 10 Jun 2014






