Mapodisi a batlisa monna ba ga bone
10 Jun 2014
Mapodisi a Maunatlala a tshegeditse monna mongwe yo o nang le bogole jwa puo yo go lebegang a timetse.
Ka jalo ba kopa setshaba go ikopanya le mapodisi fa ba sa bone mongwe ka bone wa sebopego seo. Mookamela mapodise a Maunatlala, Superintendent Waboraro Ramaja a re ka rre yoo a sa bue, go bokete mo go bone go ka tsaya dikgang le ene.
A re se se dira thata gore mapodisi ba thuse go batla ba masika a rre yoo, a tlhalosa fa beke e setse e wetse mapodise a ntse a mo tshegeditse le go leka go mmatlisa ba masika kana ba gagabo.
Superintendent Ramaja a re rre yoo, o lebega a le dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le botlhano le masome a mararo; o dithupa tsa maretlwa; ga a beola ditedu; o apere borokgo jo bosetlha, jo bo khutshwane le jakete ya letsela la jini, mme ga a rwala ditlhako.
Rre yoo o bonwe a tsamaya mo tseleng ya Sefhophe gaufi le meraka ya Tshokana.
Superintendent Ramaja a re ope yo o nang le lesika la go nna jalo kgotsa a mo itse a ikgolaganye le mapodise a Maunatlala kwa megaleng ya 4917629/30 kgotsa a leletse nomoro ya mahala ya 999 kgotsa a ikgolaganya le mapodise a gaufi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Pego ya mapodisi
Date : 10 Jun 2014