Breaking News

Bana ba tlhoka go thijwa

10 Jun 2014

Batsadi ba baithuti ba ba tsenang kwa sekolong se segolwane sa Metsimasweu kwa Serowe ba sa tswa go gwetlhiwa go tsaya karolo mo dithutong tsa bana ga mmogo le maitsholo a bone go tokafatsa maduo a sekole seo.

Kopo e, e dirilwe ke mogokgo wa sekole seo Mme Oaitse Kgosiejang fa a ne a buisa phuthego ya barutabana, bana le batsadi bosheng kwa sekoleng seo. A re fa botsadi bo ka tshwaragana le barutabana go ka se pale sepe gore maduo le maitsholo a bana a tokafale.

Mme Kgosiejang o tlhaloseditse phuthego gore go tlhoka tsebe ga baithuti ba sekole sa gagwe go amile maduo a sekole fela thata, sebe sa phiri e le gore batsadi ba maoto a tshupa go tsenelela diphuthego tse maikaelelo a tsone eleng go amogana megopolo ya go rarabolola mathata a bana.

O tsweletse a supa fa maitsholo a a makgaphila a baithuti a rotloediwa thata ke batsadi bangwe ba ba tlogelang bana ba nna ba le nosi kwa malwapeng, segolo bogolo mo dinakong tsa temo ka ba a bo ba le kwa masimo.

Mogokgo a re, “Gangwe le gape fa re latedisa bana ba go tlhoka tsebe, re lemogile gore bana ba tlogelwa ba sena tlhokomelo ya botsadi kwa malwapeng.

Selo se se borai fela thata mo kgodisong ya ngwana ka fa ngwana a tswa mo tseleng go a bo go sena ene yo a ka mo kgalemang ka jalo go kekele go fitlha kwa sekoleng,”

Le fa go ntse jalo, Mme Kgosiejang o kopile batsadi go ba inela diatla metsing ka mo dinakong tse dingwe baithuti ba tla a patelesega go rutelwa kwa ntle ka mabaka a gore matlwana a bone a borutelo a a ntshafadiwa.

A re e tla bo e le tshwetso ya go ba babalela mo botsogong ka pente e na le monko o o sa siamang fa e le gone e tshasiwang

E rile fa a itebaganya le maitsholo a bana a a duleng mo tseleng, mookamela lekalana la Pastoral Care go ne kwa sekoleng seo, Rre Tiroyakgosi Ntshekang, a re ba itumile molomo wa tlase go gagamatsa setoropo go tsenya bana mo tseleng mme a gatelela gore se, se ka kgonagala fela fa batsadi ba ka tshwaragana le barutabana.

A re go nna le seabe mo thutong ya ngwana o le motsadi ke maikarabelo a a ka betlelang ngwana tsela e e siameng ya botshelo.

Rre Ntshekang o ne a lekodisa phuthego ka matshwenyego a ntseng a apesitse sekole sa bone kobo ka letshoba segolo bogolo a letlhoko la metsi a a neng a emisitse ditiro tsa tsatsi le letsatsi.

A re go tsibogela seemo se go rekilwe ditanka tsa dijojo tsa selekanyo sa dilithara tse 5000 di le nne le tsa tse 2500 di le pedi,  ka jalo a tlhalosa fa seemo se tla tokafala.

Fa a tlhotlhora kgetsi bopi, morutabana wa tsa botaki Rre Oarabile Lonana o kopile batsadi go nna ba tla go lekola maduo a bana nako le nako eseng ba emela maduo a setlha fela.

A re se, se ka thusa go tsibogela ngwana fa a na le bothata nako e sa le teng.

Fa a ba kgwa kgaba motsadi mongwe, Rre Kakanyo Mokwena a re o tshwenngwa ke baithuti ba e reng sekolo se tswa ba bo ba sasankega kwa mapagamelong a dikoloi tsa setshaba.

A re selo se ka bo sone se na le thotlhoetso e tona mo maitsholong a a sa eletsegeng mo moithuting ka jalo a kopa batsadi ka ene go se ela tlhoko.

O tsweletse gape a kgala boradikhombi ba  e reng fa nako ya go tswa ga bana di atamele di bo di letsa ka modumo o o kwa godimo go ngoka baithuti go pagama. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SEROWE

Event : Phuthego

Date : 10 Jun 2014