Breaking News

Botlhokatsebe bo gaketse kwa Tutume

10 Jun 2014

Mogolwane wa mapodise a Tutume, Superintendent Jerry Halala a re melato ya petelelo e tsweletse ka go golela pele mo kagolong ya gagwe.

Mo potsolotsong bosheng, Superintendent Halala a re e sale ngwaga o o simologa go fitlhela kgwedi ya Motsheganong, ba kgwadisitse melato ya petelelo e le lesome le botlhano.

A re melato e e diragetse kwa Tutume le metse e mengwe e e gaufi, a tlatsa ka gore batswa setlhabelo ba dikgang tse ke bomme ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bongwe go ya kwa go tse di masome a marataro.

A re mo melatong e e kwadisetsweng, ba belaelwa bangwe ba ne ba tshwarwa fa bangwe ba tsene ka lenga la seloko. Superintendent Halala o supile fa a tshwenngwa ke dipalo tse, a re le ntswa ba sepodise ba tsweletse ka go tsibosa setshaba ka melato e tshwana le e, dipalo tsone di tsweletse ka go golela pele.

A re bontsi jwa melato e, e diragala bosigo fa gongwe batswa setlhabelo ba le nosi, a tlatsa ka gore gape melato e e diragala kwa sekgweng mo babelaelwa ba nnang le sebaka sa go ipha naga pele mapodise a goroga.

Go sale foo, Superintendent Halahala o ne a supa fa mangwe marekisetso a bojalwa a a tswalang morago ga nako a na le seabe mo go goleng ga melato e, ka jaana bontsi jwa batswa setlhabelo ba supa fa ba beteletswe ba tswa maitisong.

Mothusa mogolwane wa mapodise a Nata, Assistant Superintendent Amon Selabe le ene o ne a bolela fa dikgang tsa petelelo e le kgwetlho mo kgaolong e a e okametseng.  Assistant Superintendent Selabe o supile fa ba kwadisitse melato ya petelelo e le boferabobedi e sale ngwaga o o simologa go fitlha kgwedi ya Motsheganong.

A re bontsi jwa melato e, e diragala kwa merakeng. Assistant Superintendent Selabe o kopile setshaba go dirisanya le mapodise go lwantsha dikgang tsa mofuta o. A re pabalesego ya lefatshe le e tshwanetse go nna maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe.

 A re go botlhokwa gore setshaba se tseye dikgakolo tsa sepodise ka tlhoafalo. Rre Selabe o ne gape a gakolola bomme go emisa mokgwa wa go tsamaya bosigo ba le nosi ka jaana go itshupile fa e le bone ba ba amegang thata mo dikgannyeng tsa petelelo.

 Go sale foo, Rre Selabe o ne gape a supa fa a sa itumedisiwe ke bangwe batswa setlhabelo ba ba tshololang dikgetsi le ntswa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse. A re go dira jalo go busetsa morago maiteko a ba sepodise a go lwantshwa borukhutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 10 Jun 2014