Tomagano e botlhokwa mo tirong
10 Jun 2014
Mofenyi wa mono ngwaga wa lekalana la madi a puso la treasury cashier kwa Mahalapye, Mme Mpho Masego-Kgosidintsi a re dikgaisano tsa lephata la bone tsa bosheng di mosola fela thata.
Mme Masego-Kgosidintsi o buile seo fa ane a bula semmuso thuto-puisano ya malatsi a mararo, kwa Desert Sand mo Palapye ka Mosupologo.
Thuto seka dipuisano eo ene e kopantse diofisi tsa kgaolong ya legare dile tlhano, ebong Mahalapye, Palapye, Machaneng, Serowe le Letlhakane, tse di kopaneng ka maikaelelo a go ithutuntsha ka mokgwa wa go thusa setshaba.
Mme Masego-Kgosidintsi a re fa ene ese ka badiri ka ene go kabo go ne go sa nna le dikgaisano tse. O ne a kaya fa phadisano e ne ele mashetla, a tlatsa ka gore le ene o ne sa solofela go ka tswa mofenyi.
A re bodiredi bo seka jwa tsaya gore bone ga ba bonwe, a re ba dire ka natla, ba le seopo sengwe go thusa setshaba se ba se thapetsweng e bile ba duelwa ka sone. A re fa tirisano mmogo ele teng, go na le tomagano, neelano le go emana nokeng ga bodiredi, seo seka tiisa ba bangwe moko go ntsha ga tshwene.
O ile a kgothatsa bakaulengwe go nna le mowa wa go ithuta, go amogela dikgakololo le go bereka go feta seelo se motho a se ipetseng, go sa kgathalesege gore a o lebanwe ke dikgwetlho, mme fela ba itse gore phelelong e tla nna bafenyi ba ba tla lemogwang fela jaaka le ene a lemogilwe.
E rile a leba bodiredi jwa bakgweetsi, baphepafatsi ba diofisi le ba jarata ya puso, a re le bone ga ba ronwe ke go tsaya sekgele seo fela fa ba direla setshaba ka botswapelo. Thuto-puisano eo e kgaogantswe gabedi, ka bodiredi jo bogolwane jwa madi le bo monnaabone go ba fa maele a kafa ba tshwanetseng gothusa setshaba ka teng.
Mo boemong jwa mokwaledi mogolo wa lephata la madi le ditogamaano tsa ditlhabololo, ka fa tlase ga komiti ya tlhokomelo matshelo le botsogo jwa bodiredi, Rre Thatayaone Madimabe yo eleng modulasetilo gape ele modiri wa lekalana la madi kwa Machaneng o ne a re ba tshwentswe ke ka fa go thusiwang setshaba ka teng, ke gone ka moo ba neng ba bona go tshwanela gore badirela puso ba tlhatlhelelwe mo dikgannyeng tsa go tshwana le tseo.
Are maikaelelo ke gore fa dithuto tse di wela go nne le pharologano, bodiredi bo ntshe maduo, segolo jang mo go thuseng setshaba se se etelang kwa di ofising tsa bone.
Mme Serwalo Tshenyego, yo eleng mokwaledi wa komiti eo a direla kwa Mahalapye, o ne a iteela kobo moroko mafoko a modulasetilo, a supa fa ba thusa batho bale bantsi ba ba farologanyeng mme seo se tlhoka bopelotelele, segolo jang ka tiro ya madi e opisa tlhogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Thuto-Puisano
Date : 10 Jun 2014