Gaborone o abela banni ba Bere
09 Jun 2014
E rile ka mafelo a beke mothusa tona wa dikgaolo, Rre Olebile Gaborone a abela banni ba Bere mo kgaolong ya Ghanzi diaparo tsa mariga le dikobo ka thotloetso ya mokgatlho wa Lions Club.
Fa a aba dilwana tse, Rre Gaborone o ne a re ba bone go le matshwanedi go abela banni ba Bere ka jaana bontsi ba bone ele ba ba neng ba fuduga go tswa kwa Ranyane. A re ba tlhophilwe jalo ka go ne go lebilwe dikgwetlho tsa bone morago ga khudugo.
E rile a rola dimpho tse ba tlang ka tsone, mogokaganyi wa ditirelo wa Gaborone Lions Club, Rre Harish Pathak a tlhalosa gore bone ele ba Lions Club ba itebagantse le tiro ya boithaopi e ka yone ba direlang setshaba.
A re ba dira jalo ka go dira ditiro tse di tsenyang madi gore batle ba kgone ba thuse bao ba ba tlhokileng lesego la go itshetsa.
O tsweletse ka gore ba itebagantse gape le go rutuntsha setshaba ka malwetsi a tshwana le a sukiri, ba godisa ebile ba fitlhella banana ka dithuso, le gone go itebaganya le tsa tikologo le tsotlhe fela tse di ka fa sethong mme ele tse di thusang ebile di kgothatsa di godisa.
Mme, baagi le bana ba Bere ba ne ba gakollwa ka mowa wa kutlwelobotlhoko ba rotloediwa gore ba ithute nako e santse ele teng.
Moemedi wa khansele ya Ghanzi Rre Gregor Lepang o ne a rotloetsa banana thata segolo gore ba inaakanye le mokgatlho wa Lions Club; a re ba ithute ka yone le gore maikaelelo a one ke eng le gore o emetse eng le mosola wa yone mo setshabeng. Dilwana tse di abelweng ke tsa madi a P29 000; ele dikobo,diaparo tsa bana le dijo.BOPA
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : GHANZI
Event : Kabo dimpho
Date : 09 Jun 2014