Breaking News

Banni ba lela ka seemo sa holo

09 Jun 2014

Banni ba Tsabong mo Kgaolong ya Borwa ba tshwenyegile ka seemo sa ntlo lehalahala ya motse wa bone.

Mme Lebogang Itumeleng o boletse mo potsolotsong gore ntlo lehalahala eo e na le dingwaga e sa baakanngwe. A re e le ba setlhopha sa Tsabong Promotions ba dirisa ntlo lehalahala go dira maitiso ba kgobokanya madi maikaelelo ele go thusa mongwe yo o kobo dikhutswane go mo agela ntlwana ya boitiketso,ka ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele la 2016 la “ tshaba e e lorato ebile ele kutlwelo botlhokole” le gore gape ba itshetsa ka matsana a teng ka ba sa bereke gope.

Mme Itumeleng o tlhalositse fa matlhaba phefo a ntlo lehalahala eo bontsi jwa one a thubegile mo ka fa ba dirile maitiso go tshwana le fa ba eme mo labatleng, a re mangwe a tsone a thibilwe ka disenke mo go leng diphatsa a supa fa go le thata mo badirising ba ntlo eo.

O ne a tsweletse ka go tlhalosa fa ntlo lehalahala ya motse oo, e le nnye ka e sa lekane. A re dingwe tsa ditshenyo tse di mo ntlo lehalahala eo di akaretsa go thubega ga matlhabaphefo, matlo a boiteketso aa sa berekeng ebile a sena metsi le gore ga ana mabati.

O kopile gore dinako tsa diteseletso di okediwe gore di tshwane le ya di night club ka di ka banana mo ditirong tse di makgaphile tsa bogodu ka ba tlaa bo ba diilwe ke maitiso.

A re gape banana ba ka e dirisa go itshetsa le go itlosa bodutu ka kgaolo e sena mafelo a itloso bodutu. Monnasetilo wa komiti ya motse ya VDC Mme Malebogo Tebele are seemo sa ntlo eo ba tlhaloganya e beile ba itse ka sone.  O kaile fa e sale a tsena mo komiting e ka 2010 ba fitlhetse ntlo lehalahala e onetse.

Mme Tebele are madi a ba e hirisetsang batho ka one ba ntse ba leka go e baakanya mme ga ba kgone ka letlole le kolota koporasi ya metsi madi a kanang P25 000 yo ba lekang go mo kgaola kgwedi le kgwedi. O tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ba begela morafe kwa kgotleng ka seemo sa motse.

O tlhalositse fa ba nna ba kopa gore ntlo lehalahala e okediwe gape e nne le ntlo ya dipuisanyo (conference room) gore e tsamaelane le dipaka tsa segompieno mme fa madi a ditlhabololo a tswa ntlo lehalahala ga e nne mo teng go dirwa tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshwanelo Feledi

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 09 Jun 2014