Kgosi Habangana o bolokilwe
09 Jun 2014
Kgosi Edward Habangana wa Mapoka, yo o tlhokafetseng kgwedi ya Motsheganong e le malatsi a le masome mabedi le borataro o kailwe e ne e le senatla e bile a dira tiro ka boineelo.
Kwa phitlhong ya gagwe ka Matlhatso Seetebosigo ale supa , dibui ka go farologana di supile fa Kgosi Habangana a ne a rata tiro ya gagwe ya bogosi thata, selo se ba boletseng se ne se supiwa ke matsetseleko a a neng a e dira ka one.
Moatlhodi mogolo wa pele wa kgotla ya ditsheko, Rre Julian Nganunu o tlhalositse fa bonatla jwa moswi mo tirong bo supiwa ke ka fa a neng a tlotla tiro ya bogosi ka teng. Se sengwe se kgosi a tla gakologelwang ka sone, Rre Nganunu o boletse fa e le mowa o montle wa tirisano mmogo o a neng a tshedisanya le magosi a mangwe mo kgaolong ka one.
Rre Nganunu o supile gape fa Kgosi Habangana a ne a nale ditoro le megopolo e mentle ya go tlhabolola motse wa Mapoka, jalo a ikuela mo boeteledipeleng jwa motse oo go dira ka natla go tlhomamisa gore dikeletso tsa ga kgosi ga di sale di nyelela phularong ya gagwe.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Thabo Maruje III wa motse wa Masunga le ene o gateletse gore Kgosi Habangana o ne a tlotla tiro ya bogosi fela thata, ke sone se a neng a tlogela tiro e e neng e mo fa dituelo tse di botoka go ya go tsaya setilo sa bogosi.
O tlhalositse gore e re ka jaana tlhabologo ya itsholelo ya metseselegae e le botlhokwa fela thata, mme e bile e diragala bonolo fa go nale yo o di gogang kwa tlhogong, go botlhokwa gore bogogi jwa motse wa Mapoka bo kitlane bo bo bo goge mmogo.
Kgosi Maruje III a re tshwaragano e ke yone e ka tlhomamisang gore ditlhabologo tsa motse ga di eme morago ga go hulara ga ga Kgosi Habangana.
Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas 1 o galaleditse Kgosi Habangana ka seabe se a nnileng le sone mo go tlhabologeng ga kgaolo ya Bokone Botlhaba ga mmogo le mo tsamaisong ya bogosi ka kakaretso.
O kaile fa a ne a le botlhale e bile a nale kitso ka dikgang tse di farologaneng, selo se a boletseng fa se ne se dira gore megopolo epe e a neng a tswa ka yone e bo e le e e nonneng.
Modiri wa lephatana la tsamaiso merero ya makgotla a setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Mme Tachenama Tapela, ene o supile fa loso la ga Kgosi Habangana e le tatlhegelo e kgolo mo tsamaisong ya merero ya tsa bogosi mo kgaolong.
O boletse fa kgosi e ne e le modiredi wa tlhwatlhwa, yo o neng a dira tiro ka matsetseleko le boineelo mo a neng a thusa go tsamaisa ditiro tsa bogosi mo metseng e e mabapi e go senang dikgosi teng jaaka ya Tshesebe le Masukwane. Se, Mme Tapela o tlhalositse fa Kgosi Habangana a ne a se dira ntle le ngongora epe.
O boile a supa fa kgosi a nnile le seabe se segolo mo go tlhomamiseng gore thulaganyo ya go tlhoma kgosi yo mosha kwa motseng wa Tshesebe e tswelela pele sentle; a supa fa kgosi a tlhokafala jaana go setse go rometswe leina la yo o tshwanetseng go gata setilo sa bogosi jwa motse oo kwa pusong go tlhomamisiwa.
Mohumagadi wa ga Kgosi Habangana, Mme Chililo Habangana o gateletse gore e re le ntswa a latlhegetswe ke molekane le tsala e kgolo ya gagwe, ga a a latlhegelwa ke tsholofelo ya gagwe mo Modimong. Mme Habangana o tlhalositse gore e re ka jaana go ka seke go fetolwe se se diragetseng, se se ka dirwang ke go ipelela botshelo jwa ga Kgosi Habangana.
Mohumagadi o boletse fa monna wa gagwe e ne e le pinagare e e nonofileng ya lelwapa la gagwe, a dira gotlhe mo go mo thateng ya gagwe go ba dibela le go tlhomamisa fa dilo di apere tshiamo mo lwapeng ka dinako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : MAPOKA
Event : Tirelo ya phitlho
Date : 09 Jun 2014