Breaking News

Barena o lebogela seromamowa

09 Jun 2014

Mme Bolotsang Barena wa Nata kwa kgaolong potlana ya Tutume a re o ntse a nna a le nosi a sena yo a ka tsayang dikgang le ene.

O tlhalositse fa a latlhegetswe ke pono mme  seo se thatafaditse botshelo jwa gagwe le go feta ka a sa kgone go etela ope.

Mme Barena yo o dingwaga  di masome a robabobedi le bongwe, ke mongwe wa ba ba abetsweng diromamowa mme o tlhalositse fa seo ele se  gotweng pelo boela mannong mmatla sa gagwe o se bone ka ga a bolo go eletsa go utlwa se se diragalang mo lefatsheng ka bophara mme a sa kgone.

O lebogile puso go bo e na le ponelopele ya kgona go lemoga le go bona gore mongwe motho o tshwanetse go tshela jang gore a seka a itlhoboga mo botshelong. O tsweletse a re, e re ntswa a sa bone, fa a utlwa dikgang o kgona go bona tiragalo eo ka tlhaloganyo.

A re o lebogela mpho eo fela thata, a tlhalosa fa a rata thulaganyo ya tatediso ya dikgang ka jalo a re seromamowa seo se tla nna fa tlase gagwe gore a seka a tlolwa ke dikgang.

Mme Ketloeditswe Oalotswe le ene o gateletse  mafoko a ga Mme Barena ka go supa fa le ene a bone mopati yo o tla a mo tseelang dikgang. A re bodutu e tla nna selo sa maloba mo go ene.

Mme Oalotswe o ile a bolela fa a nna a le nosi jalo a bolawa ke bodutu ka a sena yo a ka tsayang dikgang le ene jaloo tlhalosa fa mo nakong eno, batho ba tla re ba feta fa lelwapeng la gagwe ba  gakgamale ka dikgang tsa waelese di kgona go tshegisa motho le fa a le nosi, jalo o  itumeletse thuso eo fela thata.

Diromamowa tseo ke tse di ntshitsweng ke tautona a di rekela bagodi ba ba tlhokang e bile ba nna ba le nosi mo malwapeng morago ga go lemoga fa ba bolawa ke bodutu ka ba sena ba ba ba tseisang dikgang. Kwa Nata go abetswe bagodi ba  le masome a le marataro le bongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : TUTUME

Event : Kabo Dimpho

Date : 09 Jun 2014