Breaking News

Ba lela ka dituelo tse di tsayang lebaka

09 Jun 2014

Modulasetilo wa komiti ya balemi barui kwa kgaolong ya Kweneng Bophirima, Rre Thomas Batlhophi  a re o tshwenngwa ke tiego ya dituelo tsa madi a boraditerekere ka fa tlase ga lenaneo la temothuo la ISPAAD.

Rre Batlhophi o ntshitse matshwenyego a mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka kwa Takatokwane bosheng.

O supile fa boraditerekere ba sale ba lemetse morafe ka lenaneo la ISPAAD mme ba ise ba bone dituelo tsa bone. O boletse fa seemo se, se ba kgobisa marapo ka ba tla a  tlhoka madi a go ipaakanyetsa letsema le le tlang go sale nako. 

A re kgang e, e tswa kgakala le mo dingwageng tse di fetileng mme o gwetlhile ba lephata la temo thuo go tsibogela seemo se ka se paledisa boraditerekere go akola mananeo a puso ka thelelo.

Fa a tswa la gagwe,mongwe wa boraditerekere e bile e le molemi, Rre Titus Matthys o supile fa ba lela sa khuranyo ya meno ka kgang ya dituelo.

A re ba tlhaloseditswe fa mathata e le maranyane a tsa dituelo tsa GABS mme a kopa puso go boela morago tsela e ya dituelo ka go supagetse fa e ntsha maduo a a kwa tlase. Banni ba ne gape ba ngongorega ka thuso e ba e fiwang kwa marekisetsong a dijo tsa loruo(LAC).

Ba boletse fa ka dinako tsotlhe morui a ka seke a fitlhele dijo le melemo ya dikgomo mme se se felele se baka gore loruo la bone le ba le filweng ka lenaneo la LIMID le ba latlhegele ka ntlha ya malwetse.

O tsweletse a re, le fa nako tse dingwe dijo le melemo di le teng, morui o kgona go busiwa a tlhalosediwa fa morekisi a seyo, jalo ba kopa ba ba maleba go tsibogela seemo seo ka jaana se kgoreletsa maiteko a puso a go ba inola mo lehumeng.

Fa a tsibogela dingongora tseo, molemisi kwa motseng wa Takatokwane, Rre Ditiro Bolepya o  tlhomamisitse fa e le nnete dituelo tsa boraditerekere di saletse morago.

O supile fa go lebega seemo se, se sa tshwenye kwa kgaolong ya Letlhakeng fela mme go lebega e le  sa lefatshe leno ka bophara ka jalo a solofetsa fa puso e itlamile go se tokafatsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Shelley Kasefitlhela

Location : TAKATOKWANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Jun 2014