Tautona o kgala boitseme
09 Jun 2014
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o kgalemetse badirelapuso mokgwa wa go sa berekeng ka natla.
O ba kgothaditse go direla batho ka botswapelo le go ba thusa ka nako. Tautona o buile jalo mo bokopanong jwa gagwe le badirelapuso kwa Nata ka Labone, a supa fa go swabisa go utlwa batho ba lela ka dikgang tse ba sa bolong go kopa thuso ka tsone dingwaga di ka nna thataro mme ba sa bone karabo.
A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore ba fa karabo e e lolea, se se bontshang gore go nnile le boitseme mo tirong. O file sekai ka kgang ya mongwe monni kwa kgotleng ya Nata yo o neng a bolela fa a sa bolo go kopa thuso kwa ofising ya boipelego ka 2007, mme nako kgolo ke eno.
Tautona Khama o gateletse gore badirelapuso ba foo go bona gore setshaba se amogela ditirelo le mananeo a puso ka nako. Mo go tse dingwe, Tautona o ne a bolela fa badirelapuso ba tshwanetse go tlhatlosiwa maemo go lebilwe ka fa ba dirang tiro ka teng, e seng dithutego tsa bone ka go na le badirelapuso ba ba dirang tiro ka bokgabane mme ba sa tlhatlosiwe maemo go twe ga ba na ditlankana tsa thuto nngwe.
Selelo sa babereki se ne se akaretsa letlhoko la matlo a boroko le dikoloi, ba bolela fa tse e le dingwe tse di ba itsang go dira tiro ya bone sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Bokopano
Date : 09 Jun 2014