BIUST e ikemiseditse go tlhabolola barutabana
09 Jun 2014
Unibesithi ya maranyane kwa Palapye (BIUST) e tla a sologela ba le bantsi molemo, segolo jang ba ba nyoretsweng thuto jaaka barutabana le bana ba ba eletsang go ikoketsa thuto.
E rile a bua mo letsatsing la barutabana kwa sekoleng se segolwane sa Mmaphula kwa Palapye mookamedi wa sekole seo Professor Hillary Iyang a tlhalosa fa dikgoro di butswe kwa BUIST gore barutabana ba dikole tsa Palapye ba tle go ikoketsa dithuto segolo jang tsa borenyane ka go supega fa ba saletse morago mo go tsone.
Professor Iyang a re barutabana ke bone ba kgweetsang ditlhabololo tsa dikitso ka go tlhatlhelela bana, jalo go botlhokwa gore badire jalo ba na le dikitso le lenaneo le le tsepameng la dithutego gore ba ntshe ga tshwene.
O tlhalositse fa ele maikemisetso a sekole seo go thusa go ba tlhabolola mo go tsa borenyane kwa ntle ga dituelo dipe. Professor Iyang o kopile barutabana go sola molemo mananeo a e tla a reng mo isagong ba ipelafatse ka one.
A re mo nakong eno, ba na le lekalana la boengeneere, la boranyane, la tsamaiso kgwebo le la temo thuo, a tlatsa ka gore maikaelelo ke gore ba anamele kwa dikgaolong go bula makalana a BUIST teng. O supile fa ba tla a bula kwa Selebi Phikwe, Francistown le Gaborone mme e re morago ba ye kwa Gantsi, Maun le Kanye, maikaelelo ele go isa BUIST kwa bathong.
Prof Iyang a re borutabana ke tiro e e nang le dikgwetlho tse di batlang gore motho a tseye boikarabelo ka maikaelelo a go tokafatsa boleng ja ngwana le go mmopa gore lefatshe le kgone go mo amogela, jalo a re seo, se tlhoka boineelo.
O tsweletse a re barutabana ba ka fetola diemo le dilo di le dintsi fa ba na le dikitso le dithutego tse di lekaneng godira jalo ga mmogo le gore bana le bone ba kgone go amogela diphetogo le go di tsaya ka kitso ya go lemoga fa di tla a ba sologela molemo mo isagong.
O kgothaditse barutabana go leba dilo ka leitlho la go ikgodisa le go itlhabolola gore ba tswe mo ngwaong ya segologolo ka seo e ka nna sekgoreletsi mo go tsweleleng le go goleng ga bone.
A re go monate go bona motho a dira tiro ka lerato ka go ka kgontsha motho go dira ka natla. A re o lemoga sentle gore matshelo a bone a botlhokwa le gone ke tshwanelo ya bone go tshela sentle. A re le fa go ntse jalo, ga ba a tshwanela go itlhokomolosa ngwana le gone go lemoga gore a tikologo e ngwana a golelang mo go yone e siame e bile e fa ngwana sebaka sa go amogela se a se rutiwang.
Prof Iyang o rsweletse a re o tlhaloganya sentle diemo tse barutabana ba berekelang mo go tsone fela a tlhalosa fa thuto e na le ditsela di le dintsi tse di farologaneng mme fela kwa phelelo ke gore a ba ba e neelwang ba a e tlhaloganya. . O kopile barutabana go itse le go tlhaloganya tlhaelo le bokgoni ja bana ba ba ba rutang.
O galaleditse lefatshe leno ka go nna le tebelopele go tswa goo lowe, a re ke ka moo le itshetletseng mo itsholelong. O tsweletse a re go rurifatsa seo le kgonne go tlisa mmadikole wa marenyane wa seemo se se lekanang le sa BIUST, se ka 2018 se tla a simololang go alosa dialogane di ka nna 1 500 go tswa mo makalaneng a a farologaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Letsatsila barutabana
Date : 09 Jun 2014