Breaking News

Banni ba akgolela puso mananeo

08 Jun 2014

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nata, Rre Gobusamang Ntshese o lebogetse mananeo a puso jaaka Ipelegeng, nyeletso lehuma le a mangwe go bo a thusa batho.

Rre Ntshese o buile jalo fa a rola pego ya komiti kwa phuthegong ya kgotla e buisiwa ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama kwa motseng oo ka Labone. A re le fa ntswa ba lebogela lenaneo la Ipelegeng, ba ngongoregela dipalo tse ba di neetsweng tsa batho ba ba berekang mo go lone.

O ne a bolela fa ba neetswe palo ya batho ba ba masome a robabobedi le bongwe, mme a re palo eo e nnye thata ka kgaolo ya bone e aparetswe ke letlhoko le le tona mme a kopa gore ba okelediwe palo go nna lekgolo le masome a matlhano.

E ne e rile pele fa a amogela baeng, Kgosi wa Nata, Kgosi Rebagamang Rancholo a lebogela Tautona go bo a ba etetse. Kgosi Rancholo o ne a supa fa borukutlhi bo sa ba jese diwelang bogolo jang bogodu jwa leruo gammogo le diphologolo tsa naga.

Gape o ne a lela ka majalwa a a titielwang mo malwapeng, a re ba lekile go kgalemela mme ga go nko e tswang lemina, a re ba nna ba le mo ditshekong tse di diragalang kwa majalweng ao.

Kgosi o ne a kopa gore ba okelediwe mapodisi le badisa ba diphologolo go leka go laola seemo seo le katoloso ya diofisi tsa mapodisi.

Monni wa Nata, Rre Dzingilani Salani o ne a lela ka diphologolo tse di bolayang leruo la gagwe kwa lefelong la CT 6.

O ne a tlhalosa fa a setse a bolaetswe dikgomo di le lekgolo le masome a le mararo le dihutshane di le lekgolo ke ditau le mangau.

Rre Salani a re se se utlwisang botlhoko ke gore puso ga e mo phimole dikeledi jaaka e le tshwanelo, go bolelwa fa a ntse mo lefelong la diphologolo, mme ene a re ke matlotla a bone.

Fa a araba, tona ya tikologo, diphologolo le bojanala, Rre Tshekedi Khama o ne a tlhalosa fa lefelo la CT 6 e le la puso ka jalo ope a sa letlelesege gore o ka ruela mo go lone kana go nna mo go lone.

Mothusa mookamela mapodisi a Botswana, Rre Bruno Paledi fa a tsibogela kopo ya kgosi ya go okelediwa mapodisi o ile a bolela fa batla fiwa ba le lesome.

A re diofisi le matlo a mapodisi ba santse ba tshwerwe ke letlhoko la madi, a re motlhang madi a bonala, ba tla simolola go di aga.

Rre Paledi o ile a kopa batho go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi, a re le fa ba ka ntsha palo e e kalo ya mapodisi, bone ka nosi ga ba kake ba kgona. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendazi

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 08 Jun 2014