Breaking News

Batswana ba tswa kgakala ba kgathalelana

08 Jun 2014

Batswana ba tswa kgakala ka mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko.

E rile a amogela baeng kwa moletlong wa go abela bana ba ba kobo dikhutshwane dikobo kwa motseng o o ke ba mokgatlho wa dikoloi wa Marks Volks Roxx Citi Club ka Matlhatso, Kgosi Tshiamo Tsietso wa Sesung mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, a re go a itumedisa go bona mowa o o ntse o tsweletse ka go anama, segolo bogolo le mo bananeng tota.

A re go tswa kgakala go ntse go itsege fa mowa wa bopelotlhomogi o bonwa thata mo dikerekeng le dikhamphani tse ditona, a re jaanong go nametsa pelo go bona le batho ka bongwe ka bongwe ba inaakantse le o ne.

A re ka o ne mowa o, Batswana ba ba kobo dikhutshwane le bone ba tla nna le sebaka sa go tshela botshelo jo bo botoka, mme a re kabo dimpho eo e tsile ka nako e e siameng ya mariga ka jaana ba ba amogelang jaanong ba tla kgona go robala sentle bosigo.

Modulasetilo wa setlhopha seo, Rre Thuso Mudongo one a tlhalosa fa setlhopha sa bone se simolotse ka ngwaga wa 2009, mme a re maikaelo a bone ke go thusa batho ba ba kobo dikhutshwane lefatshe ka bophara.

A re maikaelelo ga se go sekegela dirope kwa maloko a setlhopha a tswang teng, a re ba dira khupelekhupele mme ba thuse motse o o tlhophilweng ka o ne mokgwa o o. 

Rre Mudongo o tlhalositse fa go bo ba ikemiseditse go thusa Batswana ka bone e se kgang ya go re ba na le madi ka jaana le bone ba na le matlhoko kwa malwapeng a bone, mme a re ke ka lorato le go arogana bonnyennyane jo ba nang le bone.

O tlhalositse fa mogopolo wa go thusa ba ba kobo dikhutshwane e le go araba selelo sa ga tautona sa go thusa ba ba itlhokang.

E rile a tswa la gagwe, mongwe wa batsadi Mme Lesego Lesogo a lebogela puso go anamisa molaetsa wa go re Batswana ba thuse bangwe ka bone ba ba sa ikgoneng, mme a re ke tsholofelo ya bone gore seabe sa ba mokgatlho o o wa dikoloi o tla gwetlha Batswana ba bangwe go thusa.

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Ngaka Ngaka le ene o ne a tlhalosa fa tiragalo eo e tshwanetse go gwetlha ba bangwe, bogolo jang batho ba ba Sesung.

O bile gape a kopa batsadi go jwala mowa wa bopelotlhomogi mo baneng ba bone go tswa bonnyenyaneng, e seng go ba tlwaetsa go amogela fela. 

O ne gape tlhalosa fa gobo setlhopha seo se dirile ka banana, go supa gore boikarabelo ga bo tle ka dingwaga.

Setlhopha seo se se dirilweng ka makawana go tswa mo metseng ka go farologana jaaka, Tutume, Bobonong, Serowe, Mahalapye, Kanye, Letlhakeng le kwa Afrika Borwa sene sa aba dikobo dile lesome le botlhano tse di ka tswarang P3 000. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 08 Jun 2014