Lore lo ojwa lo sa le metsi
08 Jun 2014
Mopalamente wa Tonota Borwa, Rre Pono Moatlhodi o supile matshwenyego ka boitshwaro jwa bana jo bo sa eletsegeng mo setshabeng.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano, Seetebosigo a tlhola malatsi a le marataro mme a re bagodi ba tshaba go ya masimo ntateng ya borukutlhi jo bo dirwang ke bana ba Tonota.
Mopalamente Moatlhodi a re o amogetse dikgang di le nne tsa batho ba ba beteletsweng mo motseng, a tlatsa ka gore se fa se ka nna se tswelela batla nna tshaba e ntseng jang. O kopile batsadi go tlhokomela bana ba basetsana a re ba seka ba ba tlogela ba le esi fa baya kwa masimo kana ba tsaya leeto le le telele.
A re se se dirwang ke bana ba motse oo, ke kgokgontsho e e tlhokanang le thupa fela, a ba a fa sekai sa gore bone ba godile le bana ba basetsana fela, ka go ya masimo botlhe, ba disa mmogo le go thuma mo nokeng le bone go sena tsapa le fisang pelo.
Mopalamente Moatlhodi o ne a rothisa keledi fa a bua ka dikgang tsa go nna jalo, a kopa batsadi gore ba kgalemele bana ba bone, a re le bomme ba lese go bipa mpa ka mabele ka go fitlha dikgang tsa tlhakanelo dikobo ya motho le ngwana wa gagwe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Oeme Tangani a re borukutlhi bo bontsi mo motseng bogolo jang kwa masimo.
O kopile mopalamente gore ba tsenye lentswana ka fa go borre ba mapodisi a re mapodisi a bomme ga ba kake ba kgona go tshwara serukutlhi ba le esi.
Rre Tangani a re batho ba tshelela mo letshogong, ka jalo fa ba ka okelediwa palo ya mapodisi batho ba ka tsamaya ka tshosologo.
O rotloeditse borre go tsenelela mananeo a puso a re borre ba maoto a tshupa ntswa puso e otlolotse letsogo.
Rre Tangani o buile gape gore dikgang tsa motse wa Tonota ke tsone tsa malatsi otlhe gape Mopalamente o a di itse, a re dingwe tsa tsone ke letlhoko la baoki le dingaka, go agelwa sepatela se se tla a thusanang le sa Nyangabgwe kwa Francistown.
Fa a mo kgwa dikgaba, moagi wa Tonota Rre Thapelo Olopeng o ne a kopa morafe go ipelega mme a re ba tshwanetse go itirela tsamaiso ya go tlhabolola motse wa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TONOTA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Jun 2014