Mapodisi a tlhotlhomisa leso
08 Jun 2014
Mapodisi a Takatokwane a tlhotlhomisa leso la rre wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi wa Tshwaane yo o fitlhetsweng a tlhokafaletse mo mosimeng wa thakadu mo sekgweng sekgalanyana go tswa mo Tshwaane.
Mogolwane wa mapodisi a Takatokwane,Superintendent Ocean Maraganyane o boletse mo potsolotsong fa rre yoo a ne a emelela go ya go batla pitse,mme o tlhalositse fa ba belaela fa rre yoo a ne a tsoma mo tseleng mme a alola phologotswana e e bidiwang motlose e e neng ya tsena mo mosimeng wa thakadu mme le ene a tsena mo teng ga mosima ka maikaelelo a go leka go ntsha phologotswana eo.
O tlhalosa fa ba belaela fa rre yoo a ne a palelwa ke go tswa mo teng ga mosima mme a hupela ka a ne a palelwa ke go iphalotsa mme a tlhokafalela mo teng. O supile fa ba begetswe tiragalo eo ke bafeti ka tsela mme ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
E ntse ele kwa Takatokwane, mapodisi a tlhotlhomisa kgang e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome a robang bobedi a neng a tlhokafala kwa masimong a Khane sekgalanyana go tswa motseng wa Dutlwe morago ga kotsi ya tlhobolo.
A re tiragalo eo e diragatse morago ga gore mme yoo a thuntshiwe ke tlhobolo mme a tlhokafale. A re mme yoo o ne a na le monnamogolo wa dingwaga tse di masome a robang bobedi le bosupa ka nako ya tiragalo,mme ditlhotlhomiso di tsweletse go bona gore ke eng se se bakileng kotsi eo.
O supile fa kotsi ya tlhobolo e le ya bobedi e diragala mo kgaolong ya gagwe, ka jalo a gwetlha beng ba ditlhobolo go di tshwara ka manontlhotlho le kelotlhoko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKANE
Event : Potsolotso
Date : 08 Jun 2014