Ngwao ke boswa
08 Jun 2014
Kgosi wa Nxaraga, Kgosi Gaolathe Kgosigaenyatswe o kopile morafe go tlotla makgotla a Setswana.
O buile jalo mo phuthegong ya kgotla a supa fa a sa jesiwe diwelang ke bomme bangwe ba ba aparang marokgwe fa ba ya kgotleng. A re seo se kgatlhanong le ngwao ya Setswana mme a ikuela mo go ba ba dirang jalo go emisa mokgwa o o. Kgosi Kgosigaenyatswe a re batho bangwe ba na le go kopa dingwao tsa mafatshe a sele mme ba nyenyafatse dingwao tsa bone.
A re go botlhokwa gore merafe e tshegetse dingwao tsa one le gone go di somarela ka seo e le motheo wa setswana. A re bomme ba ba letlelelwang go tsena mo dikgotleng ka marokgwe ke babereki ba sepodise le ba diphologolo ka jaana tiro ya bone e pateletsa seo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, kgosi o ne a lebogela tiro e ntle e e dirwang ke sekole sa Rural Training Centre a tlhalosa fa tiro ya bone e nametsa ebile e tlhabololo le motse wa bone. A re gompieno banni ba ntse ba tshelela mo leshekereng la lenyora mme jaanong sekole seo se a ba nosa.
A re ba ne ba tsere boitlhobogo ba nwa mo nokeng ka ba ne ba aparetswe ke letlhoko la metsi. Kgosi o ne a lebogela tirisanyo mmogo ya merafe le maphata a tshwana la diphologolo le ba Local Enterprise Authority (LEA) a re maiteko a bone a a bonala sebe sa phiri ke letlhoko la metsi mo go diragetseng mananeo a LEA.
O ne a akgola ba lephata la tsa tikologo go bo ba bone go tshwanela go tshwarela letsatsi la mafatshe la tikologo kwa motseng wa bone.
A re e re ka ba nna mo mogoteng o dumela fa banni ba tla ithuta go le gontsi ka phetogo ya loapi le gone go somarela tikologo ya bone.
E ne ya re a tswa la gagwe, mogokaganyi wa lephata la Environmental Affairs, Mme Belda Mosepele a gwetlha banni go nna basireletsi ba matlotlo a bone a tlholego a supa fa go tsoma e se ka fa molaong e le selo modiro mo kgaolong ya Ngamiland.
A re ba tshwanetse ba ipelafatsa ka bontle jwa makgobokgobo a Okavango Delta mme ba netefatsa gore a sireletsegile ka nako tsotlhe ka jaana a ngoka bajanala.
Mme Mosepele o supile fa bogodu jwa diphologolo bo tshwenya thata mo kgaolong a supa fa ngogola ba kwadisitse melato e ka nna masome matlhano le borataro, mme mo go one go supagetse fa ya go bolaya ditlou e le lesome le bone.
A re ba tlhaloganye gore bojanala bo na le seabe se setona mo itsholelong ya lefatshe leno ka jalo a ba kopa go tlhokomela di-tsa tlholego. O supile matshwenyego a mangwe a a kgotlelang tikologo jaaka go rema dikgong, go epa motlhaba e seka fa molaong, go latlhela matlakala mo mafelong a a sa sirelediwang le gone foe pa mebu go sena tetla. A re seemo seo se a tshwenya ka jaana se ama tikologo le morafe ka kakaretso, a tlatsa ka gore mahuti a a epiwang ao a felela a nna borai mo baneng, leruo le diphologolo tota. O kopile banni go nna sekao mo mererong ya tshomarelo tikologo le gone go bega ditiragalo dipe fela tse di amang kgotlelesego ya tikologo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Jun 2014