Khansele ya Kgatleng e itebaganya le dikgwetlho
08 Jun 2014
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi a re khansele eo e lebaganwe ke dikgwetlho jaaka tlhaelo ya didirisiwa le madi go kgona go isa ditlamelo kwa bathong.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Modipane ka Laboraro, Seetebosigo a tlhola gane, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go rurifatsa gore Batswana ba kgaolo ya Kgatleng ba bona ditlamelo ka nako e bile ba kgotsofalela dithuso tse ba di ba fang.
Rre Mooketsi a re le fa go ntse jalo, ga ba kake ba ipata ka tlhaelo ya didirisiwa le madi go thusa setshaba, a tlatsa ka gore ba itlamile go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go isa ditlamelo kwa bathong.
A re o tlhobaediwa ke tlhaelo ya dikoloi ka jaana madi a sa lekane go ba thusa go rarabolola bothata jo, bogolo jang ka lefatshe le santse le lebanwe ke tlhaelo ya madi mme bonyennyane jo ba bo neelwang bo sa lekane go atolosa le go reka didirisiwa tse di lekaneng.
Modulasetilo o lebogetse banni ba motse oo ka ba kgonne go dira lekalana la itshetso la Modipane Trust le ka lone ba ikaelelang go tokafatsa matshelo a bone. A re seo ke kgato e e maleba ka jaana ba ka dirisa ditsa-tlholego go tlhabolola matshelo a bone e bile maloko a mokgatlho oo ba tla ipelega ka seo, sone se tebelopele ya setshaba ya 2016 e se rotloetsang.
Fa akgela mo tekodisong ya ga Kgosi Fanuel Mokalake, jaaka a ne a ngongorega ka barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone mme e bile le baka tshenyo mo masimong le mo motseng tota, o tlhaloseditse banni fa go tlogela leruo le gobeya mo motseng le mo ditseleng go baka tshenyo e bile bangwe ba latlhegelwa ke matshelo.
A re puso e tshwenyegile ka leruo le le gobeyang gongwe le gongwe go sena tlhokomelo mme a re seo, se supa fa beng ba lone segolo jang ba dikgomo, ba sa tlhokomelo leruo la bone, jalo a kgothatsa barui go emela kgang eo ka dinao ka dilo di fetogile.
Mo go tse dingwe, o kopile batsadi go emela thuto ya bana ka dinao ka go supega fa bana ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone mme e bile maduo a bone a wela tlase ngwaga le ngwaga. Rre Mooketsi o supile fa thuto ya ngwana e le bokamoso jwa gagwe mme gore a dire sentle batsadi ba tshwanetse ba ema le ene mo dithutong tsa gagwe e bile ba mo rotloetsa go dira ka natla.
A re tshwaragano le barutabana ke yone konokono ya go dira sentle ga ngwana kwa sekolong , a tlatsa ka gore ga gona se se ka palang fa motsadi a supa kgatlhego mo thutong ya ngwana.
Banni le bone ba iteetsee kobo moroko dikgang tse, ba tlatsa ka go supa fa ba sa itumedisiwe ke modumo wa diletso mo motseng o o dirwang ka maitiso. Ba re fa motho a sa tsoga sentle mme modumo o le kwa godimo, botsogo bo ya kwa tlase le go feta mme go buisana le beng ba madirelo kana mediro go tsosa dikgotlhang.
Mme Helen Moloi a re, ke boammaaruri leruo le a ba tshwenya e bile le ba senyetsa ditlhare mo malwapeng ka le kgona go bula dikgoro mme le senye, ka jalo o kopile barui go tlhokomela leruo la bone.
Mme Ruth Mokgatle ene a re o tshwenngwa ke banana ba ba rekisang lefatshe, bogolo jang ba basimane, e re morago ba boele kwa batsading mme seo se tshose kgotlhang mo lwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 08 Jun 2014