Breaking News

Banana ba itumelela Ipelegeng

08 Jun 2014

Banana ba Hereford kwa  kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba akgoletse puso go bo e simolotse lenaneo la Ipelegeng ka le ba thusitse fela thata go tokafatsa matshelo a bone.

Le fa ntswa batho ka bontsi ba kgala banana ba ba tseneletseng lenaneo le ba re ke la bagolo, bone ba ne ba seka ba ipona tsapa,  ba tswelela fela ka go bereka mo Ipelegeng  ka ba bolela fa ba  ne ba na le  maikaelelo  a go ipulela dikgwebo tse di potlana. 

Mme Kebatlhokile Dikgeleu ke monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, yo o feletseng ka  lokwalo lwa boraro kwa sekoleng se segolwane.  A re o ne a tshwara tiro ya nakwana kwa Ipelegeng mme e re fa ba sena go atswiwa a bo a baya madi. O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka  2012  a rekisa airtime, dimonamone le digaugau. 

A re o dirile se ka maikaelelo a go ipulela semausu. mme e rile ngogola a kgona go se bula  a rekisa le dijo tota.

Mme Kebatlhokile a re se se mo gwetlhileng go simolola kgwebo e gape  ke gore  mo motseng wa gagwe ga gona kgwebo ya  mofuta o , gape a re o ne a direla gore batho ba ba nnang go bapa le bone ba seka ba tsamaya sekgele se seleele ba ya go reka  tse ba di tlhokang.

 A re o batla gore mo dingwageng tse di tlang a bo a setse a na le lebentlele  le le bulegile a rekisa dilo tse di dintsi go feta tse a  nang  le tsone. 

A re gape a ka rata fa le bone ba ka letlelelwa go phakisa bana ba masiela le dikhutsana, ga seka ga lebelelwa fela mo bathong ba ba nang le mabentlele a matona. 

O kaile fa  a  eletsa go ya  sekoleng go ya go ithutela go godisa  kgwebo. 

O rotloeditse banana ba bangwe  go ema ka dinao go simolola dikgwebo, a tlatsa ka gore fa ba sa thanye  ba tla fitlhela balekane ba bone ba gatetse pele.

Mme Gouta Gloria Botumile le ene  o simolotse kgwebo ya gagwe ka dituelo  tsa Ipelegeng. 

A re ene o ne a bereka dikgwedi tse tharo, morago a ikagela semausu a bo a reka dilo tse a tla  di rekisang go simolola kgwebo ya gagwe, mme o supa fa  morago a ne a e atolosa  ka go rekisa diaparo. 

O tlhalosa fa a ne a tswala semausu sa gagwe ngwaga ono o simologa  ka gore o ne a tsamaya thata jalo  go sena ope yo o ka mo salelang  le semausu ka o ne a kgarakgadiwa thata ke kgwebo ya diaparo. 

Mme Gouta a re mathata a magolo a a kopanang le one mo dikgwebong tsa gagwe ke batho ba ba kolotang ba bo ba tsamaela ruri, a re selo se se busetsa kgwebo kwa morago. 

Kgwetlho e nngwe ke ya letlhoko la sepagamo le tsela e  e maswe. 

A re nako e ntsi o  reka dilo tsa gagwe tsa semausu  kwa Tsabong kana kwa Jwaneng,  mme ditlhwatlhwa tsa dipalamo di  kwa godimo fela thata.

 A re se,  se dirwa ke gore go tswa kwa Werda go ya Hereford ga gona tsela e e siameng le batho ba dikoloi ga ba rate go e dirisa ka ba re e ba senyetsa dikoloi. 

A re ene o rata kgwebo ya diaparo go na le ya semausu  ka gore diaparo le fa di sa rekiwe di kgona go nna lebaka le le leele di sa senyege. 

O boletse fa a rata kgwebo ya gagwe ka gore ka madi a teng  o kgonne  go duelela bana ba gagwe kwa sekoleng  e bile botshelo jwa gagwe bo fetogile ga bo sa tlhole bo tshwana le jwa pele. Mme Gouta a re nako e nngwe o tsamaya mo malwapeng a banni ba motse a bapatsa kgwebo ya gagwe ya diaparo ka a ise a bone lefelo le le siameng go rekisetsa mo go lone. 

O supile  fa a sa tlhole a sokola ka e bile o tlhokomela  batsadi ba gagwe.  

O kaile fa  maikaelelo a gagwe a magolo e le  go bona  a ikagetse kwa  setsheng sa gagwe ka mo nakong eno o nna mo lwapeng la batsadi ba gagwe.  Mme Botumile o rotloeditse batho ba lefatshe leno  go simolola go itirela ka diatla le go tlogela go jela madi mo ganong. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tshepiso Tsietso

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 08 Jun 2014