Breaking News

Kgodiso ya ngwana e tlhoka matsetseleko

08 Jun 2014

Kgodiso ya ngwana ke lomao lo lo ntlha pedi lo lo ka tlhabang kobo le moroki.

Nako e nngwe setho le boitshwaro jwa motsadi di ka godisa ngwana sentle, mme fa e le jo bo sa itumediseng le jone fela jalo ngwana o ka bo kopa mme a tswa mo tseleng. Bana ke teemane ya lefatshe leno.

Ke sone se puso e duleng ka ditsela tse di farologaneng le melao e e  sireletsang ditshwanelo tsa bana morago ga go lemoga fa di gatakwa ka dinao. Mafoko ao a builwe ke mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye, Rre Koti Molefi, fa a ne a bula semmuso bokopano jo boneng bo boloditswe go tla go bopa komiti kgolo ya kgaolo potlana ya Palapye.

Rre Molefi a re puso e tsile ka melao e le mmalwa go sireletsa ditshwanelo tsa bana, a tlhalosa fa maikaelelo  e le  go bona gore melao  e e amang ditshwanelo tsa bana e tsenngwa mo tirisong.

A re bana ba nako eno ba botlhale fela thata ga ba tshwane le ba bogologolo ba ba neng ba bolelelwa ka meila, a supa fa  ba nako eno ba batla tlhaloso e e nitameng e bile e le boammaaruri.

A re dinako di fetogile, botsadi bo tlhokana le go tsenya letsogo mo kgodisong ya bana, a tlatsa ka go re ke tshwanelo ya batsadi go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela bana le go ba godisa sentle ka setho se se eletsegang.

A re melao ya ditshwanelo tsa bana e diretswe go ba aga le go ba bopela mo sethong se se amogelesegang, ka go twe lore lo ojwa lo sale metsi. O tlhalositse fa kgodiso ya bana ba malatsi ano e na le dikgwetlho tse di tlhokang boikarabelo jwa batsadi go itse le go tlhaloganya bana.

A re kgang kgolo ya bokopano ke go bua ka kgodiso, ditshwanelo le tshireletsego ya bana. Ka jalo e tlhoka gore ba-na-le seabe botlhe ba tsee boikarabelo le go tswa ka maano a a nitameng a ka fa go bopiwa ga komiti kgolo ya kgaolo go ka ba solegelang molemo ka teng mo go busetseng bana mo tseleng ya setho le go ba bopa gore e nne banna le basadi ba ba nang le boikarabelo isago.

A re go nna motsadi ke kgwetlho e ka nako e nngwe e tshikhinyang maikutlo, mme go se na ka fa motho a ka ikapolang botsadi ka teng.

Rre Molefi a re mongwe wa baitseanape o kile a re, ‘go nna motsadi ke tiro ya dioura di le masome mabedi le bone tse di sa duelelweng, go se na malatsi a boitapoloso kana tlhatloso maemo, mme fa o dirisa dioura tseo sentle, o tlaa itumelela maduo a tsone. Nako e nngwe o fetoga motho yo o nnang o omanetse ruri, mme kwa phelelo go tsise ditshego, monyenyo le boitumelo. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Bokopano jwa ba-na-le seabe

Date : 08 Jun 2014